READ MORE

Morago ga go ithuta Molao, Mop Melvin Mbao e leng moakatemi wa Legoro la tsa Molao, o iphokisa phefo ka go tshameka motshameko wa kolofo.

Kolofo ke selo sa bobedi se Melvin a se ratang go di gaisa tsotlhe

"Kolofo ke selo sa bobedi se ke se ratang go di gaisa tsotlhe," go bolela jalo Melvin, yo o simolotseng go e tshameka ka selemo sa 1991 kwa Gaborone Golf Club, Botswana.

 

"Ga a ise a ke a e tlogele fa e sa le ka nako eo. Fa ke ne ke nna leloko la UNIBO ya pele mo marigeng a 1992, ke ne ka nna leloko la Tlelapa ya Kolofo ya Mafikeng ka nako eo, e jaanong e bidiwang Leopard Park Golf Club.”

 

Go tokafatsa sekgala se a iteelang bolo kwa go sone

 

Melvin o ne a nna le bokgoni ka bonako mo motshamekong ono, a tokafatsa go tshameka ga gagwe le sekgala se a iteelang bolo kwa go sone. Phitlhelelo e e kwa godimo ya gagwe mo motshamekong wa kolofo go tla go fitlha gompieno jaana ke fa a ne a fenya kgaisano ya Aforikaborwa ya Bommampodi ba Bomagogorwane ba Lekgamu la B ka go iteela bolo sekgala sa 10-16 ka 2003.

 

Gape o fentse kgaisano ya Bommampodi ba Lekgamu la B ba Tlelapo gabedi, o ne a tsenela kgaisano ya porofense ya llega ya Leopard Park, mme a fenya meputso e le mentsi le dijana tse dintsi thata go ka di bala.

 

Gape Melvin o dira tiro ya botsamaisi jwa kolofo mme mo nakong e e fetileng o ne a le leloko la komiti ya teng, mothusa-mokapotene gape o ne a le mokapotene wa Leopard Park. Jaanong ke "tlhogo" ya tlelapa, o nna a iketleeleditse go thusa fa a kopiwa go dira jalo.

 

Go na le batshameka kolofo mo lapeng

 

"Kolofo e ratwa thata mo lelapeng la me mo e leng gore jaanong morwaake, Chabalala, ke mokwaledi wa dikgaisano mo komiting. O tshameka kolofo go itlosa bodutu ka yone mme ke solofela gore o tla nna motshameki wa seporofešenale mo bogautshwaneng," Melvin o bolela jalo.

 

"kgakololo e ke e nayang botlhe ke gore ba nne le seabe mo motshamekong mongwe. Ga o kitla o ikwatlhaela seo. Kolofo e mpoloka ke tshwaregile e bile ke sireletsegile mo dithaelong tsa lefatshe.  E ntse e le karolo e kgolo ya botshelo jwa me mme ga ke kgone go ipona ke tshela ntle le yone.”

 

Mop Melvin Mbao o ne a  fenya kgaisano ya Bommampodi ba Lekgamu la B ba Tlelapo ya Leopard Park gabedi. O ne a newa sejana seno fa a sena go nna mmampodi wa tlelapa ya Lekgamu la B ka 2002.

BOELA MORAGO