READ MORE

Fanie Roos o dumela gore motho a nne le bokgoni mo motshamekong, o tshwanetse go tlhaloganya saense ya metshameko. "Ka sekai, akanya ka motsamao wa mmele. Metsamao eo e fitlhelwa mo metshamekong yotlhe, go simolola ka go thusa baatlelete go tsamaela ka bonako go fitlha ka go tila go nna le dikgobalo le go rulaganya manaane a go ikatisa a a mosola fela thata."

Ka nako ya Khonferense ya Bokatisi ya ngwaga le ngwaga ya mokgatlho ono, Fanie o ne a neela dipuo tsa gagwe tse pedi tsa patlisiso ka seabe sa batsadi bao bana ba bone e leng batshameki ba ba nang le talente.

 

Setlhogo sa puo ya gagwe ya ntlha se ne se re, "Go tswa bogogorwaneng go fitlha kwa go nneng Mankge: go lebana ga batsadi le kgolo ya tlhaloganyo", mme sa bobedi se ne se "Go tswa bogogorwaneng go fitlha kwa go nneng Mankge: mokatisi yo o rategang wa PGA, ngwanake o dingwaga di le nne mme o batla go nna mankge".

 

Khonferense eno e ne e tshwerwe go simolola ka di 5 go fitlha ka di 7 Phatwe 2018, mme go ne go tlile bomankge ba kolofo ba Aforikaborwa. PGA-SA e emela banna le basadi ba le 750 ba ba ratang motshameko ono wa kolofo fela thata, ka fa o tshamekiwang ka gone le kgwebo ya one.

 

Go itaya bolo lekgetlo la ntlha

 

Go ema mo seraleng sa PGA ga ga Fanie, yo o simolotseng go tshameka kolofo a le dingwaga di le thataro, e ne e le go diragadiwa ga toro e a sa bolong go nna le yone.

 

O gakologelwa ka fa rraagwe, e leng Flip Roos, a neng a tle a khutshwafatse melamu ya go tshameka kolofo ka gone gore Fanie le mogolowe, Christo, ba kgone go itaya bolo ka yone. Go ineela ga ga rraagwe le go ikatisa go nnile le matswela a a molemo ka gonne gompieno jaana Fanie o na le sekolo sa gagwe sa go tshameka kolofo mme Christo ene ke motshameki wa seporofešenale wa PGA ya bosetšhaba.

 

Ka nako e e tshwanetseng

 

Taletso ya gore a tle go nna sebui kwa khonferenseng ya bosetšhaba ya PGA-SA e tlile ka nako e e tshwanetseng, go bolela jalo Fanie yo o dirang patlisiso ya pegelo ya kakanyotheo ya masetase ya motshameko wa kolofo. O tlhomile mogopolo thata mo go thuseng le mo go katiseng batshameki ba ba botlana.

 

Fa a bodiwa gore o akanyang ka batsadi ba ba gagamalelang gore bana ba bone ba latelele motshameko o le mongwe fela ka tsholofelo ya gore ba tla gola e le banna kgotsa basadi ba seporofešenale, Fanie a re ene o dumela gore bana ba tshwanetse go tsaya karolo mo metshamekong e mentsi ka moo go ka kgonegang ka gone fa ba gola.

 

"Fa bana ba ntse ba tshameka ka bongwe kgotsa ba le karolo ya setlhopha sa batshameki, ba nna le dikgono tse di botlhokwa tse di tla ba thusang go atlega mo metshamekong ya bone ya mo isagweng. Ke batla go gakolola batsadi le baatlelete ba ba botlana gore ba simolole motshameko wa seporofešenale fa ba le dingwaga di le 15 kgotsa 16," Fanie o bolela jalo.

 

Dintlha go ya pele ka Fanie

 

Fanie o weditse dikirii ya gagwe ya BA ya saense ya motsamao wa mmele le boithutatlhaloganyo ka 2003 kwa YBB mme morago ga moo a ithutela Dipoloma ya Borutabana ya Morago ga Kalogo ka 2004. O weditse dikirii ya gagwe ya onase ya saense ya metshameko kwa Yunibesiting ya Pretoria.

 

O simolotse tiro ya gagwe ya bokatisi dingwaga di le 13 tse di fetileng, mme o wela mo setlhopheng sa seporofešenale sa PGA sa AAA. Morago ga nako ya go dira jaaka morutabana kwa  Emfuleni Park Primary, o ne a simolola mokgele wa gagwe wa akatemi a le motlhatlheledi yo mmotlana kwa YBB ka 2014.

 

Ee, kokomana e e latelang ya bo Roos ba e leng batshameki ba kolofo e setse e katisiwa. Mosadi wa ga Fanie, Hanri, o setse a reketse morwabone wa dikgwedi di le 16 kgetsi ya gagwe ya ntlha ya melamu ya go tshameka kolofo!

Bošeng jaana, Fanie Roos, motlhatlheledi wa botsamaisi jwa tsa metshameko, o ne a nna moemedi wa ntlha wa YBB go ema Mokgatlho o o tumileng wa Seporofešenale wa Batshameka Kolofo  wa Aforikaborwa (Professional Golfers Association of South Africa [PGA-SA]) ka lefoko.

Fanie Roos , motlhetlheledi wa botsamaisi jwa tsa metshameko, o na le akatemi ya gagwe ya kolofo mo a katisang batshameki ba ba nang le ditalente.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Sala sentle birdie Fanie o nosa dino tse pedi