READ MORE

Elroy Gelant o nnile le seabe kwa Metshamekong ya Diolimpiki kwa Rio ka 2016, mo a duleng maemo a bo sometharo mo lebelong la makgaolakgang la banna la 5 000m. Ga jaanong jaana o gabile Mmarathon wa Berlin wa ka 2019 le Metshameko ya Diolimpiki ya 2020 kwa Tokyo.

O saletswe ke 2 km gore a wetse lebelo mme go sa kgathalatsege gore go diregang, Elroy o tla kgabaganya mola wa phenyo a bo a palama phodiamo.

 

"George o ne a sa ntshe ga tshwene jalo," o tlhalosa jalo morago ga dingwaga tse di fetang 20," mme ke ne ka itsholofetsa jalo gore ga ke tle go latlhela seditse."

 

Elroy o ne a boloka tsholofetso ya gagwe. O ne a tswa maemo a boraro mo kgaisanong ya ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 9 ya bommampodi ya Aforika Borwa. Le e leng ka nako eo, motabogi yono wa dimarathone o ne a itse gore isagwe ya gagwe e tlile go felela jang.

 

“Ke ne ka lemoga gore fa nka nna mo maemong a boraro mo nageng yotlhe, Ke ka kgona go tokafatsa moo. Seo se ne sa nthuta gore ke ka kgona go fenya sengwe le sengwe se se nkemang pele."

 

O mo maemong a bosometharo mo lefatsheng lotlhe

 

Ka di 20 August 2016 o ne a eme le baatlelete ba ba neng ba tloga ba simolola lebelo la makgaolakgang la 5 000m la banna kwa Metshamekong ya Diolimpiki kwa Rio, koo a neng a ntsha ga tshwene mme a wetsa lebelo ka nako ya 13:17.47. O mo maemong a bosometharo mo lefatsheng lotlhe.

 

“Baatlelete botlhe ba eletsa go ipona ba le mo kgaisanong e e ntseng jalo ya maemo a a kwa godimo, mme seno e nnile maitemogelo a a itumedisang fela thata,” go tlhalosa jalo mothusi yono wa dingwaga di le 31 kwa setlamong sa People and Culture.

 

"Ke ne ke sa dumele se se diregang. Fa o ema fa moleng o o simololang lebelo, o bona difoleshe fela tsa batho ba tsaya dinepe. Fa o taboga kwa Setediamong sa Potchefstroom sa McArthur, o kgona go utlwa go uba ga pelo ya gago le dikgato tsa dinao jaaka di itaya lefatshe. Kwa Rio o ne o utlwa modumo wa batho fela. Ke ne ke itumetse mo go maswe."

 

Ke rotloediwa ke talente e ke e neilweng ke Modimo

 

Ga a ikhutse mo gare ga dinako tsa kgaisano –  seno se bontshiwa ke dimmentlele tse dintsi tse a ikgapetseng tsone ka 2018 – mme o gabile Mmarathone wa Berlin wa ka 2019 le Metshameko ya kwa Tokyo ya ka 2020.

 

Go ntse go ntse jalo, a ka nna a fitlha a nna Moaforika Borwa go tlhoma rekoto kwa Berlin, kgotsa o solofela gore o tla fitlha a kgona go dira jalo, ka gonne ga a itsholofetsa seo a le nosi fela.

 

"Ke rotloediwa ke talente e ke e neilweng ke Modimo. Ke batla gore letsatsi lengwe fa ke tlhokafala, ke kgone go bua ke re ke dirisitse 110% ya mpho e ke e neilweng ke Modimo, e seng 60%."

 

Dilo tse a di ratang

 

Fa a le mo botabogelong jwa baatlelete kgotsa a le mo tseleng a ikatisa, a ka tswa a le nosi, mme o ntse a tlhakanetse tsela eno ya gagwe ya botshelo dingwaga tse di fetang tse pedi le Tamzin Thomas, yo e leng mongwe wa dikgantshwane tsa baragogi ba naga ya rona. Bošeng jaana ba nnile le seabe kwa dikgaisanong tsa bommampodi tsa Aforika kwa Nigeria. Batho ba bangwe ba a reng ke barotloetsi ba gagwe ke batsadi ba gagwe, e leng Yvonne le Steven.

 

O dirisa nakonyana e a nang le yone go tshameka kolofo kgotsa go ya go bogela filimi le Tamzin. Gape ba rata go iphokisa phefo ba lebile tlhago, gape mongwe le mongwe wa bone o rata go ribolola dilo dingwe tse di mo kgatlhang.

 

O se ka wa mo tsholela phasta fa o mo laletsa go tla go ja dijo tsa maitseboa. "Baatlelete ba tshwanetse go ja phasta ka dinako tsotlhe mme e ntapisitse jaanong!"

 

Dilo tse di dirang gore a atlege mo lebelong ke go ja Big Mac kwa McDonald’s le selae se segolo sa kuku pele ga lebelo. Mme o nna a akantse ka go ntsha ga tshwene ka dinako tsotlhe ...

BOELA MORAGO

Mofufutso le dikeledi di elela mo marameng a ga Elroy Gelant wa dingwaga di le 8. O lebile bagaisani nae ka matlho a mahibidu mo botabogelong jwa baatlelete kwa Witbank. Ga go mele tlhaga fa a fetang gone.

ELROY
O TLHORONTSHA

BAGAISANI NAE

PHETLHOLELA KWA TLASE

OPPONENTS

OF HIS