READ MORE

Chris Windell o kopane le moratiwa wa gagwe, Gussie, kwa sekolong mme a mo nyala ka 1964. Morago ga dingwaga di le mmalwa, ene le Gussie ba ne ba fetsa dingwaga di le some e le batsadi ba kago ya bonno ya Oosterhof le ya Klawerhof. Banyalani bano ba na le bana ba le bararo bao, mmogo le bagatsaabone, e leng baithuti ba nako e e fetileng ba YBB.

A tshwere galase ya bojalwa jo bosweu le aese ka seatla, sefatlhego sa gagwe se tletse botshelo, o kgaola kgang e a ntseng a e bua gore a lotlege nngwe ya dikgang tsa gagwe tse dintsintsi (ya dintlha tsotlhe, e e nang le matlha le maina) kwa YBB.

 

Ke motho yo o ntlhabang botlhale, morutabana wa me, motlhoma sekao wa me wa  joie de vivre yo maikatlapelo a gagwe a mmele a sa feleng.

 

Ee, ke bua ka mongwe wa bagaka ba Khamphase ya Potchefstroom , e leng Chris Windell. Batho ba bantsi ba kopane le mogaka yo o tlhogoputswa yono (yo moriri wa gagwe o kileng wa bo o le phifa) yo o nang le matlhagatlhaga a a seng kana ka sepe. Ga ke ise ke kopane le ope yo o neng a sa kgone go gakologelwa kgang  nngwe e e rileng ka ene.

 

Ke kopane le Chris lekgetlo la ntlha mo masimologong a dingwaga tsa bomasorobedi kwa kokoanong ya baithuti ba nako e e fetileng kwa Durban. Botlhe ba ne ba itumetse tota ka gonne le ka nako eo o ne a lotlega dikgang ka yunibesiti a di bua ka tsela e e tlhomologileng.

 

Dingwaga di ka nna 20 morago ga moo, fa ke ne ke tla mo YBB ke le leloko la yone la badiri, ke ne ka se ka ka lemoga monna yono yo o moriri mosweu, mme e ne ya re fa ke leba matlho a gagwe a a pududu, ka itse gore ke kile ka kopana le ene golo gongwe.

 

Ke “boytjie wa kwa Braamfontein”, koo lelapa la gagwe le neng le nna gone fa rraagwe a ne a dira mo setlamong sa ditimela. A ka go tshwara ka dikgang tse di monate diura di le nne go simolola fa a ne a santse a le mosimanyana yo o neng a sena tsebe.

 

O simolotse dithuto tsa gagwe mo dingwageng tsa bo 1960 kwa Kholetšheng  ya Pele ya Potchefstroom ya Katiso ya Barutabana (POK kgotsa Pote), mme o santse a gakologelwa maina a ba a neng a tsena le bone mo phaposing.

 

Ke morata mmino

 

Chris ke rammino yo o tlhomologileng e bile o ne a le modulasetulo wa Okhesetera le wa Komiti ya Mmino wa POK.

 

Mo ngwageng wa gagwe wa boraro le wa bone o ne a le leloko la setlhopha sa mmino se se neng se tshameka mmino kwa Shine mo Bult (borekelo jo bo neng bo le gaufi le khamphase) maitseboa mangwe le mangwe fa baratani ba ikentshitse. Ba ne ba mo duelela metsotso e le 90 ka hamburger le 50 sente.

 

Dingwaga di le dintsi morago ga moo, fa go ne go simololwa Moletlo wa Ditalente wa Khamphase, Chris o ne a le motsamaisi wa ntlha wa mananeo ao. Go nna le seabe ga gagwe mo moletlong ono go ne ga tshwarelela dingwaga di le 13.

 

Tshimologo ya bogaka

 

Fa a sena go ruta Seesemane dingwaga di le mmalwa, Chris o ne a nna leloko la yunibesiti ka 1975. O ne a le mokaedi wa lefapha la dikamano le badiri dingwaga di le mmalwa mme seno se ne sa dira gore a tseye maeto go ralala naga go ya meletlong ya baithuti ba nako e e fetileng.

 

Baithuti ba le bantsi gape ba tla mo gakologelwa jaaka "oom" yo o feditseng dingwaga di feta 15 e le motsamaisi wa mananeo mo malatsing a go lalediwa ga botlhe le a go amogelwa ga baithuti ba ngwaga wa ntlha  … "ga a ise sa ke a dire motlae o o leswe," ba tla go bolelela jalo.

 

Ka nako ya fa a ne a sa ntse a dira , Chris o ne a etelela pele letsholo la Ikateleng. Fa dingwaga di ntse di kgabaganya, ene le badiri-ka-ene ba ne ba ela tlhoko gore barutwana ba le diketekete ba ne ba ipaakanyeditse ditlhatlhobo tsa bone tsa materiki..

 

A o ikhuditse gone jaanong? Gotlhelele nnyaa!

 

A le mo ngwageng wa gagwe wa go rola tiro, a re ga a kgone go nna fela a sa dire sepe le go tsofalela kwa gae, mme a re o tla tswelela a le mo yunibesiting a dira tiro ya go koleka madi.

 

Mo ngwageng ono, Chris o keteka ngwaga wa gagwe wa "bogodi" wa bo 78 e bile o santse a kgona go tsamaela ka bonako go gaisa batho ba le bantsi. Botlhaga jwa gagwe le go rata gagwe botshelo go sa ntse go tshwana fela le ga nako ya fa a ne santse a le lekawana le le iseng le thunye moriri le ke kopaneng le lone kwa Durban dingwaga tseo tsotlhe tse di fetileng.

 

Motho yo o ntlhabang botlhale ... tiro ya gagwe e sa ntse e tshwanelwa ke go wediwa.

.

Athikele: Kiewiet Scheppel, Ditlhaeletsano ka tsa kgwebo

BOELA MORAGO

Chris Windell o tshwere bareetsi ka dikgang tse di monate ka nako ya Moletlo wa Ditalente wa Pukki ka 2015. Tota la fa a sa katisediwa mmino semmuso, o kgona go ntsha molodi o o monate tota ka dikonopo tsa piano.

Boytjie wa kwa Braamfontein a ka se lebalwe

PHETLHOLELA KWA TLASE