Yunibesiti e tlile go nna le seabe se se botlhokwa sa go tlhoma Senthara e ntšha ya Boditšhabatšhaba ya Patlisiso ka Dijine mo Malwetseng a Methapo le Mesifa, e bile e tlile go nna le seabe mo go tseyeng karolo ga Aforikaborwa mo senthareng eno ya nakwana.

 

Senthara e tla tlisa banetetshi, baakatemi le dingaka mmogo go tswa kwa dinageng di le thataro le dikontinente di le nne go tla go lwantsha malwetse ano a methapo le mesifa.

 

Malwetse ano a methapo le mesifa a akaretsa maemo a le mantsi a a farologaneng a a thibelang go dira sentle ga mesifa mo mmeleng wa motho.  Mangwe a malwetse a a itsegeng thata mo setlhopheng sa ano ke bolwetse jo bo nnelang maswe go ya pele jwa mesifa (muscular dystrophy), amyotrophic lateral sclerosis (ALS) le bolwetse jwa disele tsa methapo e e tsamaisang melaetsa mo mmeleng.

 

Go tlhoka tshegetso ya madi = go fokotsa patlisiso

 

Batho ba ba itsegeng ba ba jaaka Joost van der Westhuizen le Stephen Hawking ba dirile gore go tlhomiwe mogopolo mo bolwetseng jwa methapo le mesifa. Go sa kgathalatsege seno, ga go a dirwa patlisiso e e lekaneng go rarabolola bothata jono jo setlhopha sa malwetse a a koafatsang thata ano a a tlhagang sewelo a bo bakelang batho ba ba tshwerweng ke one le go bo bakela baporofešenale ba tsa kalafi.

 

Kwa dinageng tse di tlhabologang bothata jono bo bakwa thata ke go tlhoka tshegetso ya madi ka gonne bontsi jwa patlisiso le go tshegetsa pholo ka madi go direlwa malwetse a a tumileng thata a a jaaka HIV/Aids, bolwetse jwa lehuba, bolwetse jwa pelo le kankere.

 

Mop Francois van der Westhuizen wa Laboratori ya Patlisiso ka Mitochondria wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo la YBB a re thuso e kgolo ya boditšhabatšhaba ya madi go tswa go Lekgotla la Patlisiso ka tsa Kalafi la United Kingdom (United Kingdom’s Medical Research Council [UK-MRC]) e tla dira gore senthara eno ya nakwana e dire mo dingwageng di le tlhano tse di tlang.

 

E tla dira gore dithulaganyo tsa go gagamalela mokgele o o seng motlhofo ono wa go katisa dingaka le go dira patlisiso ka dijine mo setlhopheng sa batho ba ba rileng mo dikontinenteng di le nne o atlege. Fano ke fa YBB e tsenang gone, go ya ka Francois.

 

Francois, mmatlisisi ka bolwetse jwa mitochondria, o tla bo a le mmatlisisi-mogolo ka fa letlhakoreng la Aforikaborwa. Banetetshi le dingaka mo diyunibesiting di le nne tsa lefelo la rona ba tla dira mmogo go tlhoma lefapha la mo Aforikaborwa la senthara eno. Diyunibesiti tseno ke YBB, Yunibesiti ya Cape Town, Yunibesiti ya Pretoria le Yunibesiti ya Stellenbosch.

 

Go abelana kitso go tla lere ditlamorago tse di siameng

 

"Boikaelelo ke go phutha balwetse ba ka nna 10 000 le go dira patlisiso ka bone go tswa kwa dinageng di le thataro tse di tla nnang le seabe mo dingwageng di le tlhano tse di tlang. Mokgele wa rona ke go kokoanya le go abelana deitha e e botlhokwa ya tsa kalafi le ya dijine e e ka dirisediwang go lekeletsa mokgwa o mo ntšha wa go alafa bolwetse."

 

A re go dirisana mmogo ga batho ba dirutwa tse di farologaneng ba ba abelanang kitso le bokgoni go botlhokwa thata go fitlhelela fela ditlamorago tse di atlegang tsa saense, mme gape e le tse di tla solegelang setšhaba molemo.

 

"Go tla re thusa go sekaseka mekgwa e mentšha ya go tlhatlhoba sentle malwetse le go a lemoga le go oka malwetse ao le go thusa go tlhama melemo ya kalafi e me ntšha ya go a lwantsha," o konela jalo.

 

(Buisa athikele yotlhe fano.)

Ba le bantsi ba rona re bone ka fa mogaka wa rakabii Joost van der Westhuizen le balepadinaledi Stephen Hawking ba neng ba le pelokgale ka gone go lwa le bolwetse jo bo setlhogo jwa methapo le mesifa mme kwa bofelong ba bolawa ke jone. Jaanong YBB e tlile go tsenela ntwa eno.

Mop Francois van der Westhuizen wa Laboratori ya Patlisiso ka Bolwetse jwa Mitochondria wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo o tla bo a le mmatlisisi-mogolo ka fa letlhakoreng la Aforikaborwa.

Re tla thusa

ka go lwantsha malwetse a methapo le mesifa

PHETLHOLELA KWA TLASE

BOELA MORAGO

READ MORE