READ MORE

P: Lo bokgakala jo bo kae ka go tsenya dikhamphase tse tharo leinakgwebo?

K: Morago ga go tsenya ditheo tsa rona tse di seoposengwe mmala wa rona o moša, re ntse re dirisana mmogo thata le lefapha la botsamaisi jwa Sebaka mo Teng ga Dikago le Didirisiwa go tlhomamisa gore dikhamphase tsotlhe di tsenngwa leinakgwebo ka tshwanelo – ka fa teng ga dikago le ka kwa ntle ga tsone. Go tsenngwa ga tsone leinakgwebo ga go ise go fele 100%, mme re dirile kgatelopele e kgolo  e bile re tla simolola go le dirisa kgato ka kgato.

 

P: A leinakgwebo leno le amana fela le ponalo ya lone jaaka mebala le letshwao la setlamo?

K: Nnyaa, le amana le boikaelelo jwa YBB – gore rona jaaka yunibesiti re ka thusa bana le seabe ba rona jang mo maikutlong. Ka mafoko a mangwe, le akaretsa dilo tse di ka fetolang tsela e ba akanyang ka yone ka rona.

 

P: Lo na le maano afe a a tla tlhomamisang gore leinakgwebo le dirisiwa ka mokgwa o o tshwanang gotlhe fela?

K: Bošeng jaana re weditse terafote ya ntlha ya Mmanuele wa Letshwaokgwebo, mme e ka bonwa mo interaneteng ya badiri. O ka e leba fano, fa o sena go saenela go tsena ka dintlha tsa gago tsa go tsena.

 

Mo godimo ga mmanuele ono, gape re tlile go nna le mokgwa wa DIY (do-it-yourself) wa botsamaisi jwa leinakgwebo.

 

P: A re simolole ka Mmanuele wa Letshwaokgwebo. Boikaelelo jwa one ke eng?

K: O bolelela badiri, baithuti le batlamela ka ditirelo gore ba dirise jang leinakgwebo. O akaretsa ditlhogo tse di jaaka letshwao la setlamo, mebala ya kgwebo le ya legoro, popegokwalo, dikarata tsa kgwebo, mesaeno ya imeile, disaene le dilo tsa go kwala le go kwalela.

 

P: Mokgwa wa DIY one?

K: TRe batla gore badiri le baithuti ba dirise leinakgwebo ka tshwanelo mo ditokomaneng tsotlhe. Mo mokgweng wa rona wa DIY o tla fitlhela go na le dithempoleiti di le mmalwa tsa diphousetara tse di tsentsweng leinakgwebo, dibukana le mesaenotlase ya diimeile. O tla dira gore modirisi wa lone a nne le tšhono ya go nna motlhami mme a sa fetole setaele sa yunibesiti.

 

P: Goreng go le botlhokwa jaana go le dirisa ntle le go le fetola?

K: Melaetsa e e sa tshwaneng e tla tlhakanya bana le seabe tlhogo.  Re tshwanetse go dirisa letshwao le le tshwanang le le tlhomologileng la YBB le go fetisa molaetsa o o tshwanang. Seno se tla thusa bana le seabe ba rona go farologanya yunibesiti ya rona go tswa mo go tse re gaisanang le tsone le go fetola tsela e ba akanyang ka yone gore e nne e e siameng.

 

Ka sekai: Re dirisa mekgwa e metlhano ya leinakgwebo la YBB ka tsela e e tshwanang ka dinako tsotlhe mo melaetseng ya rona. (Mekgwa eo ke maemo a a kwa godimo a tsa akatemi, botshelo jo bo tlhagafetseng jwa baithuti, baalogi ba ba maleba, go tsibogela maemo mo loagong le go rotloediwa ke mekgwa e e siameng.) Re buelela mekgwa eno mo dikanaleng tse di farologaneng tsa tlhaeletsano go tlhomamisa gore leinakgwebo la YBB le sotlhe se se emelwang ke lone ke se se tlang pele mo megopolong ya bana le seabe ba rona.

 

Tobetsa fano go leba bidio ya papatso e e neng ya bontshiwa bošeng jaana mo thelebišeneng, e e neng e bontsha mekgwa e e emelang leinakgwebo leno

 

Go bona tshedimosetso go ya pele ka leinakgwebo la YBB, o ka romela imeile kwa atereseng ya ilse.beyers@nwu.ac.za kgotsa

musa.zanempi@nwu.ac.za.

Tobetsa fa tlase go lebelela papatso ya TV e e bontshang dipharologantsho tsa leinakgwebo

PHETLHOLELA KWA TLASE

le tiriso ya mmala

o o phepole

gotlhe

 

GO AGA LEINAKGWEBO

GO AGA

LEINAKGWEBO

Phepole ke phepole … ke phepole. A tota? Go tweng ka mmala o o kwebu? Kgotsa bophepole jo bo timpetseng. Bopududu jo bo mokgona. Labenda. A o utlwa o tlhakana tlhogo gone jaanong? Se boife, thuso e gaufi – e tla tla e le kaelo le thuso go tswa go setlhopha sa rona sa YBB se se bopang leinakgwebo.

TSEPA GO

Eish! e ile ya buisana le  Ilse Beyers, mmenejara wa Dipapatso le Ditlhaeletsano le Leinakgwebo ka ga go tsenngwa tirisong ga leinakgwebo la rona, le le nang le mmala wa konokono o mo ntšha, o o phepole. Gape re ne ra mmotsa gore Mmanuele wa Letshwaokgwebo o o sa tswang go felelediwa bošeng jaana o ka re thusa jang go dirisa leinakgwebo la yunibesiti ka mokgwa o o tshwanang ka dinako tsotlhe.

GO BONA MMANUELE O MOŠWA WA CID

PHETLHOLELA KWA TLASE

 

 

TOBETSA

FA