READ MORE

Mop Emmanuel Mukwevho o rata boithutaditshedi e bile jaaka leloko la ditlamo tsa bosetšhaba le tsa boditšhabatšhaba tse a dirang mo go tsone, o abelana bokgoni jwa gagwe le ba bangwe.

Moithutaditshedi o dira se a se ratang

Lobaka lwa nako lwa ga Mop Emmanuel Mukwevho jaaka leloko la lekgotla la Mokgatlho wa Aforikaborwa wa Boithutaditshedi le Tshutatshelo ya Dimolekhule le simolola ka 2018 go fitlha ka 2021.

Maemo a mangwe a a neng a tlhomiwa mo go one bošeng jaana ke a go nna leloko la lekgotla la Mokgatlho wa Aforikaborwa wa Boithutaditshedi le Thutatshelo ya Dimolekhule (South African Society for Biochemistry and Molecular Biology [SASBMB]).

 

Boikaelelo jwa mokgatlho ono ke go rotloetsa boithutaditshedi le thutatshelo ya dimolekhule mo nageng ya rona. Boikaelelo jwa tsone ke go rotloetsa tirisano mmogo ya tsa saense fa gare ga mafapha a puso, Lekgotla la Aforikaborwa la baporofešenale ba Saense ya Tlhago le Setlamo sa Boditšhabatšhaba sa  Boithutaditshedi le Thutatshelo ya Dimolekhule.

 

Go tlhanoga ga sekgantshwane

 

NRF e neile Emmanuel, moakatemi mo Legorong la Disaense tsa Tlhago le Temothuo maduo a Y2 mo serutweng sa boithutaditshedi. O ne a newa maduo ano – a a newang banetetshi ba ba botlana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 40 – ka Ferikgong 2017.

 

O nnile modulasetulo wa serutwa sa boithutaditshedi kwa khamphaseng ya Mahikeng fa e sa le ka 2016 mme o nna le seabe mo ditirong tse di farologaneng tsa Lefapha la Saense le Thekenoloji.

Maikarabelo a gagwe a akaretsa a go nna leloko la Komiti e e Kwa Ntle ya Maitshwaro a a Siameng, e a tlhomilweng mo go yone gore a dire lobaka lwa dingwaga di le tharo go simolola ka 2018 go fitlha ka 2021.

 

Mo godimo ga moo, Emmanuel ke leloko la Mokgatlho wa Amerika wa Boithutaditshedi le Thutatshelo ya Dimolekhule gape ke leloko la Mokgatho wa Amerika wa Boithutadikarolo tsa Mmele. O sa le a nna motlhatlhobi wa tshekatsheko ya boleng kwa Lekgotleng la Thutogodimo fa e sa le ka 2012.

Fa a ne a tshwaela ka go tlhomiwa ga gagwe go nna leloko la SASBMB, o ne a re: "Go raya gore ke leloko la setlhopha sa bakhuduthamaga se se dirang ditshwetso ka go tsamaya sentle ga boithutaditshedi le go bo rotloetsa le thutatshelo ya dimolekhule mo Aforikaborwa.

"Mokgatlho ono o golagane le Setlamo sa Boditšhabatšhaba sa Thutatshelo ya Dimolekhule, e bile ke motlotlo go nna leloko la lekgotla le le tumileng leno."