Go na le polelo e e reng moporofeti ga a na tlotlo kwa gaabo. Go ya bokgakaleng jo bo rileng, go ntse jalo le mo YBB.

 

Letsatsi le letsatsi, re tla tirong re bo re nna ka fa morago ga ditafole tsa rona kgotsa re ema fa pele ga setlhopha sa baithuti. Gantsi re dira jalo re sa lemoge gore lefelo leno le re le bitsang "legae la tiro" le fitlhelela eng.

 

A re lebeng diphitlhelelo di le mmalwa. Sa ntlha, YBB ke nngwe ya diyunibesiti tse di kwa godimo mo Aforikaborwa ya tlhamosešwa.

 

Kwa bokhutlong jwa ngwaga o o fetileng re ile ra nonotsha mmaraka wa badiri wa Aforikaborwa ka go oketsa badiri ka baalogi ba ba seng ka fa tlase ga 16 004. Mo gare ga baalogi bano, ba ba 235 ba na le gerata ya bongaka mme ba ba 813 bone ba na le dikirii ya masetase.

 

Go ithuta go le gontsi ka go atlega ga YBB, leba bidio e e ka fa mojeng. Tsholetsa tlhogo morago ga moo. Nna motlotlo. O na le lebaka la go ikutlwa jalo: o tlatseletsa mo diphitlhelelong tseno.

 

 

E rulaganyeditswe go atlega

Ke rona ba:

-TSHEDIMOSETSO

Setlhopha sa botselegany:

sa badiri ba lefapha la YBB la Ditlhaeletsano ka tsa Kgweb

Mokgabiso le boalo: Karen Viljoen

Go tsaya dinepe:

Badiri-ka-rona ba YBB le batlamela ka ditirelo ba rona

Fa o na le dipotso go ya pele/fa o batla go kwala sengwe:

Nelia Engelbrecht - mog 018 299 4937

Lebokoso la mo teng ga setheo la 26

Eish! e tlhagisiwa le go gatisiwa ka Seesemane, Setswana le ka Seaforikanse ke Lefapha la Ditlhaeletsano ka tsa Kgwebo la YBB.