READ MORE

Ka dinako tse dingwe, talente e ka nna e e sa tlwaelegang. E ka tshwana le dijo tse di baakantsweng ka bonako fela tse go bulwang pakete ya tsone di bo di jewa.  Ka dinako tse dingwe e tshwana le dijo tse di tlogelwang nakonyana mo molelong pele di ka khurumololwa go leba gore di tla jang. Mo go DM de Kock, modikwadikwane

oo o tshwana le dijo tsa bobedi.

DM

wa

ga o tshwane le ope

Modikwadikwane

PHETLHOLELA KWA TLASE

Motantshi wa Amerika, Alvin Ailey, o ne a dumela gore tantshe e dule mo bathong ka jalo e tshwanetse gore ka metlha e busediwe kwa bathong.  Fa o leba dinepe tseno tsa ga DM de Kock, ga go pelaelo gore o ikaelela go busetsa tantshe mo babogeding.

O ne a sa itse gore o belegwe a na le bokgoni ja go ja modikwadikwane kwa Komatipoort, golo gongwe mo go se nang sepe gone kgotsa mo lefelong le e seng la sepe, mo Komati River e tlhatsetsang mo teng ga Crocodile River gone gaufi le Mozambique.

 

Dinao tsa gagwe di na le bokgoni

 

Nnyaa, mme gone o lemogile seno mo ngwageng wa gagwe wa ntlha mo kagong ya bonno ya banna ya Ratau kwa Potchefstroom fa bokgoni jwa gagwe jwa dijiminasi bo ne bo dira gore a feleletse a tsenetse tantshe. DM ga se motho yo o buang thata mo e leng gore fa a tantsha, o ka se dumele gore ke ene.

 

"Ke motho yo o ditlhong, mme ga ke ditlhong fa ke tantsha. Fa ke tantsha ke 'itlhalosa' ke sa bue le batho," go bolela jalo mofenyi mo setlhopheng sa tantshe sa Moletlo wa Ditalente wa Pukki wa 2018.

 

O bua a sa kgale mathe ganong

 

Ka moriri wa gagwe o montsho le botho jo bo rategang le go atamelesega ga gagwe, DM o bua ka lerato la go tantsha a sa kgale mathe ganong. Tota e bile, morutabana yono wa ka moso o rata dilo tse pedi.

 

"Dilo tse ke di ratang thata ke go ruta gape ke rata sengwe le sengwe se se amanang le bobogelo, gone jaanong ke kgona go di dira di le pedi. Ke batla go dirisetsa botshelo jwa me go rotloetsa bana le go tshelela go dira se ke se ratang."

 

YBB e mo kgonisitse dilo tse di latelang: "Yunibesiti e mpuletse ditšhono di le dintsi mme e amile botshelo jwa me ka tsela e ke sa kgoneng go e tlhalosa."

 

Dikgang tse a di ratang

 

Ke motho yo o ratang go buisa mme o buisa thata dibuka tsa bašwa (e a e ratang go di gaisa tsotlhe ke Suzanne Collins’s saga, The Hunger Games) gape o kgona go tsaya nako go buisa nngwe ya dibuka tsa ga Wilbur Smith.

 

"Gape ke mmogedi yo mogolo wa motseletsele wa thelebišene," o bolela jalo, a bo a umaka Game of Thrones and Orange is the New Black jaaka e a e ratang go di gaisa. Gape o rata go tshameka metshameko ya khomphiutha le ditsala tsa gagwe.

 

Le fa go ntse jalo,  go katisa ba bangwe a le mo pontsheng kgotsa a se mo pontsheng go mo itumedisa fela thata.

PHETLHOLELA KWA TLASE

Tobetsa setshwantsho gore o lebe DM a tantsha ka tsela e e amang maikutlo ka mmino wa pina ya ga Ed Sheeran, ya “Supermarket Flowers” mo Moletlong wa Ditalente wa Pukki wa 2018 . O gapile Sejana sa Mothusa Motlatsa-Mokanseliri mo setlhopheng sa go gaisana le dithaka mme gape o fentse setlhopha sa motantsho.