READ MORE

Bošeng jaana Anneke Barnard, modiri wa mo laeboraring ya legoro la dithuto tsa mekgwa ya batho, o ne a taboga 90,18 km go tswa Pietermaritzburg go ya kwa Moses Mabhida Stadium kwa Durban.

 

Morati yono wa dimarathone wa dingwaga di le 49 o ne a tsaya karolo mo Mmarathoneng wa Comrades  a o tabogela monna wa gagwe, e leng Attie le setlogolo, Leon bao ka bobedi tlhatlhobo ya bongaka e bontshitseng gore ba na le kankere.

Bošeng jaana Anneke Barnard, e leng modiri wa mo laeboraring wa legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho o ne a taboga Mmarathone wa Comrades a o tabogela monna wa gagwe, e leng Attie le setlogolo, Leon, bao ka bobedi tlhatlhobo ya bongaka e bontshitseng gore ba na le kankere.

Ditsela tsotlhe di ya kwa Comrades

 

Pele ga Comrades ya monongwaga, Anneke le Attie ba ne ba weditse Dimmarathone tsa Comrades di le nne mmogo.   Banyalani bano ba ne ba ikatisetsa go ya go gaisana mmogo gape mo ngwageng ono fa Attie a ne a fitlhelwa gore o na le kankere ya mala ka Ferikgong.

 

"Ke ne ke sa itse se se neng se tlile go direga morago ga go bolelelwa seno, ka jalo ka swetsa ka gore ga ke tle go taboga lebelo le le telele leno," Anneke o bolela jalo. Mme a tswelela ka go taboga le tsala ya gagwe e leng Lee go ipoloka a itekanetse sentle le go fokotsa seterese. "Attie o ne a nthotloetsa gore ke tseye karolo mo lebelong la Comrades kwantle ga gagwe, ka jalo kwa bokhutlong jwa April ka swetsa ka gore ke tla ya go le taboga."

 

Ke yone nako e Anneke a neng a ipolelela gore o tla bo a tabogela monna wa gagwe mo lebelong leno mmogo le setlogolo Leon, yo o feditseng nako e telele a tshwerwe ke kankere. O ne a ikatisa thata le Lee, ka gonne ba ne ba tlile go taboga Comrades mmogo.

 

Boitemogelo jo bo sa lebalegeng

 

Anneke o ne a kgona go wetsa Mmarathone wa gagwe wa botlhano wa Comrades mo diureng di le 10 le metsotso e le 15. Fa a ikgopotsa ka one, se se neng se le thata e ne e le go ikatisa le go nna le nako ya tiro ya gagwe ya nako e e tletseng le ya go tlhokomela Attie le lelapa.

 

Dikilometara di le 15 tsa bofelo tsa lebelo leno di ne di le thata tota mo go ene ka gonne maoto a gagwe a ne a simolola go opa, mme a nna a ikgopotsa lebaka la go bo a ile a simolola lebelo leno. "Sengwe sa dilo tse di di gaisang tsotlhe se a se gakologelwang mo lebelong leno lotlhe ke go bona Attie kwa Toyota Mile, pele a wetsa lebelo. Ke ne ka mo tlamparela ka lerato mme ka ya kwa bowelong jwa lebelo," o bolela jalo.

 

Anneke a re gantsi o tseega maikutlo pele lebelo le simolola. Go ema fa tshimologong ya lebelo le baatlelete ba bangwe ba le 19 000 ba ba itumetseng thata, ba opela Shosholoza le Pina ya Bosetšhaba, morago ga moo go bo go letelwa gore Chariots of Fire e simolole, ga go ke go tlhoka go mo ledisa. Monongwaga, o ledile thata go feta dinako tse dingwe ka gonne Attie o ne a se fa thoko ga gagwe.

 

BOELA MORAGO