Motlokwe Thobejane, mokaedi wa IT mo khamphaseng ya Vanderbijlpark, o thusa barutwana ka kaelo ya mokgele wa bokamoso, go ba katisa, go ba tlhatlhelela le go ba boloka ba le mo leseding ka dipatlafalo tsa go amogelelwa dithuto tsa yunibesiti

MOTLOKWE

– monna yo mogolo wa pelo e kgolo le go feta

PHETLHOLELA KWA TLASE

Go na le dilo di le tharo tse go leng thata go di fosa mo go Motlokwe Thobejane: boleele jwa gagwe  – jwa 1.96 m – kitso ya gagwe ka IT le go utlwela ba bangwe botlhoko.

 

Se badiri-ka-ene ba ka tswang ba sa se itse ka mokaedi yo moša yono wa IT wa bone mo khamphaseng ya Vanderbijlpark ke gore gape ke mokaedi-mogolo le motlhami-mmogo wa Mohlotlo Thuto Foundation (MTF) e e sa direng diporofete le moithaopi wa boditšhabatšhaba wa United Nations, mokwadi wa tsebe ya webo ya News24 gape ke mmoki.

 

E re ka Mandela Day e sa ntse e le foreše mo megopolong ya rona, eno ke nako e e di gaisang tsotlhe ya go ithuta ka mokgatlho wa gagwe le tiro e e molemo e e dirwang mo kgaolong ya motseselegae wa Sekhukhune kwa Porofenseng ya Limpopo.

 

MTF e tlhomelela baša

 

Motlokwe a re ene le tsala ya gagwe, Octavius Phukubye, ba simolotse mokgatlho ono ka Seetebosigo 2013 go thusa barutwana ba kgaolo ya Sekhukhune go tokafatsa mo dithutong tsa bone. Tiro ya bone ke go ba thusa go tsenya dikopo tsa go ya go ithuta kwa yunibesiting gore ba se ka ba feleletsa ba humanegile jaaka go direga ka bontsi jwa ba bangwe.

 

"Ka nako eo Sekhukhune e ne e kaiwa e le nngwe ya dikgaolo tsa metseselegae tse tiro ya tsone mo dithutong e neng e le ya maemo a a kwa tlase thata mo Aforikaborwa," go bolela jalo Motlokwe. Jaaka moagi wa kwa Morapaneng, motsana mo kgaolo eo, o itse sentle mathata a a tseneletseng a loago le ikonomi a a anameng mo kgaolong eo yotlhe.

 

Go Titiela katlego mo thutong

 

Lefoko “mohlotlo” le kaya “go titiela” ka Sepedi mme go ya ka Motlokwe jono ke jone boikaelelo jwa mokgatlho ono: go titiela katlego mo thutong.  Ga jaanong, mokgatlho ono o dirisana thata le dikolo di le robedi tsa sekontari mo kgaolong, e leng: Moseki, Lesailane, Tekanang, Tshihlo, Poo, Phafane, Makuane le Mpilo.

 

Mmogo le setlhopha sa batho ba ba akanyang jaaka ene le baithaopi ba ba ineetseng mo tirong, Motlokwe o thusa barutwana bano ka kaelo ya mokgele wa bokamoso, go ba katisa le go ba tlhatlhelela le go ba boloka ba le mo leseding ka dipatlafalo tsa go amogelelwa dithuto tsa yunibesiti.

 

"Ke dirile tshwetso ya gore ke batla go nna mongwe wa ba ba tlisang tharabololo mme e seng ba ba bakang bothata," go bolela jalo Motlokwe. O oketsa ka gore go motlhofo go tshwenyega thata ka se se sa siamang kgotsa se se tlhaelang mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, seno se batla gore motho a tseye kgato ka bopelokgale le ka mowa wa go nna le tsholofelo.

 

"Ke goletse mo maemong mangwe le mangwe a a tshwanang le a baša bano, mme ka bopelonomi jwa Modimo le go dira ka natla ke kgonne go fenya dikgwetlho di le dintsi. Ke akanya gore leno ke lone lebaka la go bo mokgatlho ono o le botlhokwa jaana mo go nna; o nnaya tšhono ya go tlisa diphetogo mo lefelong le ke itseng gore di tla nna dintsi mo go lone.”

 

Phitlhelelo ya gagwe e kgolo

 

Ka 2014, Fa a ne a santse a direla setlamo sa IT SA EMC (se jaanong e leng Dell-EMC), o ne a newa Awate ya EMC Global Community Service ka ntlha ya tiro e a e dirileng ka mokgatlho ono. O ne a tlhophiwa mo gare ga bontlhopheng ba bantsi ba boditšhabatšhaba.

"Ka ntlha ya dikgwetlho tsa loago le ikonomi, tsa thuto le tsa go tlhoka tiro ga baša tse Aforikaborwa e lebaneng le tsone, awate eno e ne ya dira gore ba le bantsi ba simolole go itse ka tiro eno le ditlhoko tse mokgatlho ono o nang le tsone", go bolela jalo Motlokwe. Awate eno, e a e neilweng ngwaga morago ga go tlhomiwa ga mokgatlho ono, e ne ya rotloetsa ene le baithaopi ba bangwe gore ba dire ka natla thata go kgontsha barutwana ba le ba ntsi gore ba tlise diphetogo. Go tla go fitlha gompieno barutwana ba ba fetang 5000 ba solegetswe molemo ke tiro ya mokgatlho ono.

A lerato la tiro e nne lone le go kaelang

 

Fa Motlokwe a botswa gore ba bangwe ba ka thusa jang go tlhokomela ba bangwe, o ntsha kgakololo eno: "A lerato la tiro e nne lone le go kaelang. Gantsi kgato ya ntlha ke yone e e thata, mme fa o setse o e simolotse, e tla nna motlhofo. Se ipone tsapa. Aba kwantle ga go solofela gore le wena o abelwe sengwe mme, sa botlhokwa le go feta: itse gore le tironyana e nnye fela e ka tlisa diphetogo tse dikgolo.”