READ MORE

Mop Johannes Lenake

Ga se yunibesiti nngwe le nngwe e e nang le moporofesa wa dingwaga di le 89, mme YBB e lesego go bo e na le Moporofesa Johannes Lenake, motlhatlheledi yo o sa ntseng a abelana baithuti letlotlo la kitso e a nang le yone.

Mo ngwageng wa gagwe wa bo 89, Mop Johannes Lenake o sa ntse a tletse botshelo. Mo godimo ga go tlhatlhelela baithuti mo khamphaseng ya Vanderbijlpark, o fetolela ditlhamane tse di rategang tsa Sesotho kwa Seesimaneng e bile gape o dira mo polasing.

PHETLHOLELA KWA TLASE

 

 

Setlhopha sa Eish!

se ne sa nna fa fatshe

le mogaka yono wa YBB

go reetsa kgang

ya gagwe.

E simolola ka 15 Ferikgong 1929 mo polasing kwa Frankfort koo mme le rre ba ba neng ba na le bana ba le robongwe ba neng ba dira ka natla mo polasing gore ba kgone go itshedisa tshedisa lelapa. A rraagwe o ne a itse gore Johannes yo mmotlana o ne a tlile go nna mogaka wa ditlhamane mo dingwageng di le 90 tse di neng di latela?

 

Rapolase yo o neng a thapa rraagwe Johannes o ne a mo thusa go rulaganya polasenyana e a neng a tlile go bona dipoelo tsa madi ka yone. Gape o ne a thusa bomonnawe Lenake go tsena sekolo mme botlhe ka borobongwe jwa bone ba ne ba wetsa sekolo sa poraemari.  Mo malatsing ao, moithuti o ne a wetsa seema sa borataro (Mophato 8) go tswa foo a bo a ya kholetšheng go ya go dira “form” 1, 2 le 3 (tse di neng di tshwana le Mophato 10).

 

Go simolola e le morutabana

 

Johannes o ne a wetsa “form” 3 kwa Stofberg Gedenkskool mme a tswelela pele dingwaga di le pedi a ikatisetsa borutabana. Ka 1950 o ne a simolola go ruta kwa go se a neng a se bitsa "sekolo sa motho a le mongwe" kwa Theunissen, a ruta bana ba le 24 fa gare ga Sub A le Seema 4.

 

O ne a ikwadisa kwa Trans Africa Correspondence College gore a wetse materiki wa gagwe. "Ke ne ka ipolelela ka re, jaanong ke tlile go ithuta tota!" Fa ngwaga wa 1951 o goroga, Johannes Lenake o ne a falotse Sesotho A (se se tshwanang le Puogae ya gompieno), Seaforikanse A le Seesimane B (jaaka Puo e Sele e go Okeditsweng dirutwa ka Yone) mme a falola materiki ka “exemption”.

 

O ne a simolola go dira mo maemong a maša kwa sekolong sa polasi e ngwe, mme a tswa mo go sone ngwaga o ise o fele a bo a tlhomiwa go nna mothusa-morutabana kwa sekolong se se kwa lekeišeneng. O ne a dira mo go sone dingwaga di le thataro go fitlha a tlhomiwa go nna mogokgo kwa sekolong sa Colesbert. Johannes o ne a boa a tsweledisetsa dithuto tsa gagwe pele gape mme a ikwadisa kwa Unisa go ya go ithutela BA ya boithutatlhaloganyo le Sesotho jaaka dirutwa dikgolo.

 

Go mela medi mo thutogodimong

 

Fa a sena go aloga kwa bokhutlong jwa 1962, go ise go ye kae ke fa Unisa e mo tlhoma go nna mothusi ka tsa puo mme a tsweledisetsa dithuto tsa gagwe pele, a ikwadisetsa dikirii ya onase.

 

Mo dingwageng di le 35 tse di neng tsa latela, o ne a se ka a iponela dikirii eno fela ya onase, mme gape o ne a iponela le ya masetase le PhD. Go simolola ka 1979, o ne a dira jaaka motlhatlheledi-mogolo a bo a nna mothusa-moporofesa moragonyana ga moo, mme ka 1987, a nna moporofesa ka botlalo. O rotse tiro ka 1994 mme a direla yunibesiti ka nakwana go fitlha ka 1997.

 

Fa a sena go rola tiro, a nna leloko la khamphase ya YBB kwa Vanderbijlpark, a okamela baithuti ba ba kwa pele ka dithuto tsa bone ba ba neng ba tshwaragane le go wetsa dionase tsa bone, masetase le PhD. Mo malatsing ano, a abela baithuti ba pele ga kalogo letlotlo la kitso ya gagwe   jaaka motlhatlheledi wa Sesotho (matseno a puo ya Sesotho le boithutapuo).

 

O tlile go dirang morago ga moo?

 

Ga jaanong jaana Johannes o na le porojeke e a e dirang le mogaka wa mokwadi yo gape e leng mmoki e leng Antjie Krog. Ba fetolela mokwalo wa Sesotho kwa Seesimaneng. O itumelela thata letlotlo la padi le le tla tlogang le nna gone gore le itumelelwe ke botlhe: gareng ga tsone go na le terama ya Senkatana, mokaloba yo mogolo wa setshosa mo ditlhamaneng tsa Basotho.

 

Gape o nna le nako ya go dira mo polasing ya diheketara di le 8,5 e a sa tswang go e reka bošeng a bo a simolola go rua dikoko mo go yone. O ne a se ka nna le dikoko fela mme gape o ruile dikolojwane tse ga jaanong jaana di leng 32 ka palo.

 

Sengwe se re tlhomamisegileng ka sone ke gore mo ngwageng wa gagwe wa bo 89, Mop Johannes Lenake ga a felelwe ke thata e bile go tlhagafalela botshelo ga gagwe go bontshiwa ke dikgang tse a ratang go di tlhabela ba bangwe ka boitumelo. Molaetsa o a o nayang ba bangwe ke gore ba dire ka natla, ba rate tiro ya bone le go tlotla ba bangwe: e leng letshwao la gore motho ke mogaka wa mmatota.

BOELA MORAGO