READ MORE

Katlego e simolola ka

Lehuma le ka fenngwa e bile babatlisisi kwa YBB ba bone tsela ya go dira jalo: tsela ya botlhokwa ya go dira jalo ke lenaneo la LIFEPLAN®.

 

Lenaneo leno le ne la simololwa go sa le gale mo ngwageng ono go tlhomelela baeteledipele ba lone ba ditlamo tse e seng tsa puso (non-governmental organisations [di NGO]) le ditlamo tse di godisang dikgono tsa tiro tsa maloko a baagi tse le bone ba ka kgonang go di ruta maloko a mangwe a baagi. Seno se tla thusa malapa go itlhokomela le go rarabolola mathata a lehuma le mathata a loago.

PHETLHOLELA KWA TLASE

thulaganyetso Botshelo

 

Lebaka la go simolola LIFEPLAN® e ne e le go semelela mo go godiseng dikgono tsa tiro – go semelela ga me, go semelela ga gago, go semelela ga rona”. Go ne ga tshwarwa dikokoano di le tharo tsa go tlhabana botlhale, tse di neng tsa latelwa ke dipuo tse di neelwang ka inthanete ke dibui tsa maemo a a kwa godimo tse di jaaka Mop Andrew Robinson, Mop Petra Bester, Mop Lanthe Kruger le Moh Christelle Liversage.

Supa mo go buisa go feta.

 

 

LIFEPLAN® e tsosolosa seriti sa batho

 

Christi a re dingwe tsa dipholo tse di botlhokwa go di feta tsotlhe tsa lenaneo la LIFEPLAN® ke gore le tsosolosa seriti se batho ba neng ba na le sone. "Re bone gore motho o kgona go itshepa fa a na le seriti. Seno se dira gore batho ba fitlhelele bokgoni jwa bone ka botlalo. Le thusa segolobogolo basadi go fenya dikgoreletsi mo loagong mme ba nne batsamaisakgwebo ba ba atlegileng le go nna baagi ba ba sikarang maikarabelo."

 

O tlhalosa gore matswela a lenaneo la LIFEPLAN® ga a bonwe ke ba ntlha fela ba ba tsenetseng lenaneo leno.

 

"Jaaka ke buile, boikaelelo jwa lone ke go ruta ba bangwe dikgono tsa tiro. Basadi bano ba ruta bagatsaabone le bana ba bone dikgono tsa tiro e bile re bone gore gantsi kokomana e e latelang le yone e ungwa matswela a lenaneo leno.  Jono ke jone jotlhe boikaelelo jwa LIFEPLAN®: go tlhomelela malapa le maloko a baagi jaanong le go tlisetsa dikokomana tsa nako e e tlang phetogo."

 

 

LIFEPLAN® e dira jang?

 

Lenaneo leno le na le dithutiso tse di botlhokwa tsa botlhatlheledi le ditirwana tse di godisang kitso le go rotloetsa bokgoni jwa tiro jwa go dirisana le ba bangwe le go tshepana ka go kopana le bone le go abelana kitso. Le godisa tsela ya go akanya le dikgono tsa go rulaganya dilo, le tsenya thotloetsego le go ineela mo tirong.

 

Ditirwana tsa lenaneo leno ke go neela dipuo, mananeo a tirisanommogo le metlotlo ya go bolotsa batsayakarolo gore ba tseye karolo le go dirisana mmogo le ba bangwe.

 

 

 

 

LIFEPLAN® ke tsela e feletseng ya go oketsa bokgoni jwa gago. Lenaneo leno la katiso le la go tlhomelelwa ke letsholo la Africa Unit for Transdisciplinary Health Research (AUTHeR) la Legoro la Disaense tsa Pholo.

 

Ngaka Christi Niesing, mmenejara wa lenaneo leno, a re le rarabolola bothata jwa lehuma mo go ba ba tshabelelwang thata ke lone ka go tlhabolola bokgoni jwa bone jwa tiro le go ba katisetsa go nna le dikgono tsa botshelo. Boikaelelo jwa LIFEPLAN® ke go tokafatsa maemo a baagi le a malapa e seng a botsogo fela mme gape le go ja dijo tse di nang le dikotla le ditlhopho tse ba di dirang. "Eno ke nngwe ya diporojeke tsa ntlha tse di atlegileng ya dirutwa tse di fetang se le sengwe sa AUTHeR mme re ipela ka yone fela thata."

 

Babatlisisi ba dirutwa tse di farologaneng ba lenaneo la AUTHeR ba tsere karolo mo patlisisong eno. Tiro ya bone e akaretsa dijo tse di nang le dikotla, bodiredi-loago, boithutatlhaloganyo, boithutatirommele, booki, disaense sa badirisi, dithuto tsa ikonomi le thekenoloji.

 

"Rona mo AUTHeR re dumela gore maemo a kgona go itsetsepela fa batho ba rutwa dikgono tsa tiro. Seno ke sone se se dirwang ka nako ya lenaneo la letsholo leno."

 

Christi a re ka kgwedi ya Phatwe, baeteledipele ba le 15 ba tla katisiwa le go tlhomelelwa ka lenaneo leno la LIFEPLAN® gore ba rute batho dikgono tse di fetolang botshelo mo baaging mo Porofenseng ya Bokone Bophirima. Baeteledipele bao ke batho ba ba botlhokwa ba ba kgontshang ba bangwe go ithuta ka go inaakanya le ba bangwe le go tsaya karolo.

 

Kwa a simolotseng gone

 

Christi o tlhalosa gore LIFEPLAN® e dule mo porojekeng ya YBB e e bidiwang Holding Hands. Porojeke eno e ne e tlamela basadi ka dikgono tse ba neng ba di tlhoka gore ba kgone go itsenyetsa lotseno lwa madi. E simolotse e tsepa mogopolo thata mo go ba e leng bagatsa ba badiri ba mo dipolaseng.

 

"Go ne go tsewa gore fa lelapa le na le lotseno lwa madi lo lo botoka, ba ne ba tla nna le botsogo jo bo botoka le go dira ditlhopho tse di kgonang go itsetsepela ka gonne ba ne ba tla kgona go di duelela." Ka maswabi, go ne ga tlhagisiwa mabaka a mangwe a a tshwanang le go nwa bojalwa phetelela – jo lelapa jaanong le kgonang go bo duelela.  "Re ne ra lemoga fa go le botlhokwa gore lenaneo la go katisetsa batho dikgono tsa tiro e nne karolo ya lenaneo la go itsenyetsa lotseno lwa madi gore batho e nne baagi ba ba sikarang maikarabelo."

 

Katiso eno e simolotse ka 2004 mme lenaneo leno le ne la simolola ka 2008. Tokololo eno e ne ya tlhabololwa ka 2012 mme tokololo e e setseng e tlhabolotswe yone e golotswe monongwaga. Boikaelelo jwa LIFEPLAN®, e leng mokgwa wa go katisetsa batho dikgono tsa tiro, ga bo a fetoga mme ditlhopha tsa batho ba ba katisiwang tsone di ne tsa fetoga go akaretsa le di NGO.

 

Batsayakarolo ba setse ba simolotse go ungwa maungo a lone. Christi a re mo tokololong ya nako e e fetileng ya lenaneo leno, go ne ga tlhophiwa batho ba le 30 ba ba tlhokang tiro go tswa mo baaging ba Ganspan kwa Jan Kempdorp gore e nne badiri ba nakwana ba porojeke ya go busetsa digalase tse di latlhilweng mo tirisong gape.

 

Fa badiri ba ba 27 bano ba sena go wetsa lenaneo la LIFEPLAN® le go nna karolo ya baagi ba ba kgonang go itsenyetsa lotseno lwa madi, ba ne ba bona ditiro semmuso.

BOELA MORAGO