READ MORE

Re rolela botlhe hutshe ba ba dirileng ka natla mo dikgweding di le thataro tse di fetileng: re di rolela go ba tlotla.

 

Botlhe ba ba neng ba le teng kwa modirong wa bogare jwa ngwaga ba ne ba rwele dihutse mo khamphaseng ya Vanderbijlpark, mme go ne go le monate, go tshegwa mme setlhogo sa modiro ya nna "Mad Hatters".

kwa modirong wa bogare jwa ngwaga wa ga DVC

Badiri ba

PHETLHOLELA KWA TLASE

Baeng ba ne ba rwale dihutse tse di supang bokao tse ba di rwalang gone jaanong kwa tirong ka jaana thulaganyosešwa e weditswe. Ka mafoko a mangwe, mongwe le mongwe o ne a tshwanetse go rwala hutse e e emelang tiro e ntšha e ba e dirang kgotsa go fetolwa ga tiro ya bone ya nako e e fetileng.

 

Badiri ga ba a ka ba re swabisa.

 

Modiro o ne wa simolola ka puo e e neng ya neelwa ke moamogedi wa rona e leng mothusa motlatsa-mokanseliri wa dithulaganyo le lefapha la ditiro tsa khamphase ya Vanderbijlpark, e leng MopLinda du Plessis. O ne a rwele lekarapa, le le neng le tsamaisana le setlhogo sa kago sa puo ya gagwe.

 

Rotlhe re rwele makarapa

 

Linda o ne a tlhalosa gore thulaganyosešwa e tshwana fela le go dira mo setsheng se segolo sa kago. Le fa rotlhe re tshwaregile ka dikarolo tse di farologaneng tsa tiro, mokgele wa rona o mongwe fela: Go nna yunibesiti e e itsegeng mo Aforika, e e tlhomololwang ke mokgwa wa yone wa go ithuta ka natla, e e tsibogela maemo mo loagong, le boitshwaro jwa yone jwa go amega ka ba bangwe.

 

Go ne ga ketekwa tiro ya ka natla mo maitseboeng ao le maiteko a a dirilweng ke badiri ba ba seng ka fa tlase ga 22 ka palo ba ba neng ba newa diawate tsa tiro ya lobaka lo lo leele.

 

Go ne ga simololwa ka mokaragano le metshameko, ba ba rweleng dihutshe ba eme mo moleng, boikaelelo jwa teng e le go tlhopha bomme  le borre ba dihutshe tsa bone di gaisang tsa ba bangwe botlhe mo letsatsing leo.

 

Dikabelokhuno tsa bao dihutshe tsa bone di gaisang tsa ba bangwe botlhe

 

Emile Hoffmann wa sekolo sa Thutafatshe le Saense ya Sebaka o ne a fentse, a gaisitse botlhe ka hutse ya gagwe. O ne a rwele hutse e a e dirileng mo kantorong a e dirile ka diraba le dipene tse tharo!

 

Poppy Narenti wa lefapha la Dikamano le Dikgwebo le Go Maketa ene o ne a tlhophiwa jaaka mosadi yo o gaisitseng botlhe ka hutse ya gagwe e e neng e supa seabe sa gagwe sa motsamaisi wa Lebenkele la Diaparo tsa Kgwebo. Bobedi jwa bone ba ne ba ikgapela dijesi tse di nang le hutshe tsa YBB, tse morago ga moo ba neng ba di naya baithuti ba ba tlhokang.

 

Go opela pina e e monate

 

Ntlhakgolo ya letsatsi e ne e le bomme ba Candy Shoppe, Andy Klee o ne a opela mme Cathy del Mei o ne a letsa saxaphone. Ba ne ba  apere diaparo tsa mebala e e galotseng tse dintle, ba ne ba opela dipina di le mmalwa tsa tlelasiki, tsotlhe e le tsa setlhogo se se leng ka "dilo tse di botshe", tse di neng di akaretsa dipina tse di jaaka “The Candyman can”, “Sweet Child of Mine”, “Lollipop” le “Sugar, sugar”, ba ntse ba naya botlhe dilonyana tse di botshe tse ba di ratileng thata.

 

Nako ya tshokologo e ne ya konelwa ka dijo tse di monate thata mme basadi ba Candy Shoppe ba ne ba boa gape go tla go tshameka dipina di le mmalwa tse di monatšana, mo nakong eno ba ne ba kgabile ka diaparo tsa maitseboa. Badiri-mmogo le ditsala ba ne ba nna mo ditafoleng mme ba ipelela mmino le tebego e ntle ya Noka ya Lekwa, go konela semesetara sa ntlha sa 2018 ka katlego.

BOELA MORAGO