P:  Goreng o tlhophile gore dipharologano e nne setlhogo-segolo sa letsholo leno?

K:  Mo ditlhogong tsotlhe, lefoko dipharologano le ne la tlhaga jaaka sekgoreletsi fa go ne go dirwa patlisiso ka maikutlo ao botlhe ba nang le one mme re batla go dirisa letsholo leno go bontsha batho ka fa re ka somarelang dipharologano ka gone go nonotsha YBB le go fitlhelela mokgele wa maemo a a kwa godimo. Tota e bile, re batla gore batho ba se ka ba kgona fela go itshokelana ka ntlha ya dipharologano tsa bone mme re batla gore gape ba amogele dipharologano le go tlotlana ka mmatota.

 

P:  Jaaka kgato ya ntlha, dimmenejara di setse di tswa kwa dikokoanong tseno tsa go tlhabana botlhale.  Di ne di tshwerwe ke bomang mme ditshwaelo ka ga seno di nnile dife go tla go fitlha jaanong?

K: Sone setlamo se se neng sa dira patlisiso eno ngwaga o o fetileng, sa Diversi-T, se tlile go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale di le 13 tsa dimmenejara di le 262 fa gare ga kgwedi ya Seetebosigo le Lwetse mo ngwageng ono. Seno se tsibogetswe ka tsela e e molemo tota mo e leng gore ka dinako tse dingwe dimmenejara di ka nna 30 di ne di tla kopanong eno, mo boemong jwa gore go tle di le 20 fela mo lenaneong ka lengwe jaaka fa re ne re lebeletse.

 

P:  A Diversi-T e tla tshwarela maloko a mangwe a badiri gape dikokoano tsa go tlhabana botlhale?

K:  Nnyaa, ga ba kitla. Re kopile dikomiti tsa setlhopha sa botsamaisi sa khamphase go tlhaola ba e ka nnang "baeteledipele" go re thusa go tshwara dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale mo teng ga setheo mo nakong ya tsone e e tlang.

 

Dikomiti tsa setlhopha sa botsamaisi sa khamphase di tlhaotse batho ba le 10 mo YBB yotlhe ba e tlileng go nna baeteledipele ba ba buelelang dipharologano. Maloko ano a badiri, a a tla dirang mmogo le maloko a mangwe a le 10 a badiri go tswa kwa Batho le Setso, a tla katisediwa go tshwara dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale tsa setheo sotlhe.

 

P:  Kgato ya bobedi e tla simolola leng, mme o akanya gore e tla tsaya lobaka lo lo kae?

K:  Re tlile go simolola ka dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale ka kgwedi ya Lwetse mme go ka nna ga tsaya lobaka lo lo fa gare ga dingwaga di le tharo go ya go di le nne go tshwarela maloko otlhe a badiri dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale.

 

P:  Goreng go tlile go tsaya nako e telele jaana?

K:  Kgwedi nngwe le nngwe, re rulaganyetsa go tshwara dikokoano tsa go tlhabana botlhale di le pedi mo Potchefstroom le e le nngwe kwa Mahikeng mme e nngwe kwa Vanderbijlpark. E re ka go tla bo go tla batho ba le 20 mo lenaneong leno go tswa mo gare ga maloko a badiri ba le 5 000, go tlile go tsaya lobaka lo lo leele. Mme ga go na molato ka seo. Re batla gore batho ba dire kgatelopele ka iketlo –  ka gonne fa o direla ka bonako, bangwe ba bone ba ka nna ba se ka ba tlhaloganya.

 

P:  Dikokoano tseno tsa go tlhabana botlhale di tla tshwarwa leng le gone kae?

K:  Re dirile khalentara e e nang le matlha a a  tshitshintsweng. Maloko a badiri a tla kgona go dira kopo ya go ya kokoanong ya go tlhabana botlhale ka letlha le le rileng. Fa kokoano eo ya go tlhabana botlhale e setse e tletse, re tla go naya letlha lengwe le sele.

 

Koo di tla tshwarelwang teng: dikokoano tsa go tlhabana botlhale di tla tshwarelwa mo YBB yotlhe. Tota e bile, kokoano ya go tlhabana botlhale e o yang kwa go yone e ka nna ya se ka ya nna mo khamphaseng e o leng kwa go yone. Boikaelelo fano ke go tlhama ditlhopha tsa batho ba ba farologaneng –  re batla go kopanya batho ba ditso tsotlhe, ba bong jo bo sa tshwaneng, le dikhamphase le magoro kgotsa mafapha a a farologaneng.   Ka ntlha ya moo, dipharologano tsa ditlhopha e tla nna kgato ya ntlha ya go tlhaloganya dipharologano le gore seno se ka re solegela molemo jang.

 

P:  Fa kokoano ya go tlhabana botlhale e ke yang kwa go yone e le kwa khamphaseng e nngwe, ke tla ya jang teng?

K:  O se ka wa tshwenyega, Batho le Setso e tla dira dithulaganyo tse di tlhokegang tsa gore go nne le dipalangwa tse di tswang mo yunibesiting.

 

P:  A diteng tsa dikokoano tsa go tlhabana botlhale tsa maloko a badiri di tla tshwana le tsa dimmenejara tse di tla bong di le teng?

K:  Ee – re batla go fetisetsa molaetsa le diteng tse di tshwanang mo go botlhe gore botlhe ba tlhaloganye selo se le sengwe.

 

P:  A lo tlile go dira sengwe ka tshedimosetso e e tswang mo dikokoanong tseno tsotlhe tsa go tlhabana botlhale?

K:  Ee, e tla re bontsha gore re simolole go dirang kgotsa re tlogele go dirang, mme re tswelele re dira fela jalo. Kgabagare, e tla re thusa go fetola tsela e YBB e dirang dilo ka yone.

DIPHAROLOGANO TSA RONA

Vuyiswa Xoba ke mokaedi wa tlhabololo ya setlamo kwa Batho le Setso.

TSEPA GO

Ithute go somarela

Jaaka lo setse lo itse, YBB e simolotse letsholo la dipharologano le le bidiwang *Ubuntu, e le go tsibogela dipholo tsa patlisiso e e neng ya dirwa ngwaga o o fetileng mo malokong a badiri ya tsela e botlhe ba ikutlwang ka yone.

 

Eish! e ne ya botsa Vuyiswa Xoba, mokaedi wa tlhabololo ya setlamo kwa Batho le Setso, gore a re bolelele go le gontsi ka letsholo leno.

*Ubuntu e raya mekgwa ya botho le kutlwelobotlhoko, e bile e tshitshinya gore go na le sebofo se se nonofileng sa tirisanommogo mo lefatsheng lotlhe se se kopanyang batho.

Ithute go