Go golagana le setlamo sa kwaTšhaena gore re tlise diphetogo

PHETLHOLELA KWA TLASE

Kgwebo ya go dirisana mmogo fa gare ga YBB, Mmasepala wa Selegae wa Midvaal  le *New Hope Group (NHG) ya kwa Tšhaena ga e kitla e solegela baagi ba rona molemo fela, mme gape e tla nna le diphelelo tse di siameng tse di tla amang isagwe ya intaseteri ya temothuo ya Aforikaborwa.

Baemedi ba Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo, mmogo le Mokhanselara Amelia Tsukudu wa Mmasepala wa Selegae wa Midvaal, ba ne ba phuthegetse kwa dikagong tsa NHG kwa Meyerton go ya go aba dibasari di le pedi tsa boleng jwa R60 000. Baamogedi ba tsone, e leng  Jeremiah Thabiso Molatole le Steve Kgotlelelo Mahlake, ka bobedi jwa bone ke baithuti ba Sekolo sa Disaense tsa Temothuo sa YBB.

 

Go ya ka Angelique Gu wa NHG, setlamo seno se sa ntse se le se ntšha mme se dira tiro e e molemo thata mo intaseteri ya temothuo mo Aforikaborwa. Jaaka kgwebo ya dijo tsa diphologolo, NGH e rulaganyetsa go atolosa ditiro tsa tlhagiso-dikumo mo bogautshwaneng ka go aga ditshilo tse dingwe gape di le mmalwa tsa segompieno tsa dijo tsa diphologolo le go tshegetsa diporojeke tsa go dira dikumo ka nama.

 

Go tlhomelela maloko a baagi

 

Mo godimo ga seno sotlhe, ka diporojeke tse di tshwanang le tsa tirisanommogo le YBB, NGH e dira dithulaganyo tsa go tlhama mananeo a go tlhomelela maloko a baagi a e a thusang le go tsenya mananeo ao tirisong. Baagi ba go buiwang ka bone ga se fela ba ba leng mo tikologong e NGH e leng mo go yone, mme ba akaretsa le ba temothuo ba ba dirisang dikumo tsa yone.

 

"Jaaka setlamo sa boditšhabatšhaba sa kgwebo re a tlhaloganya gore re na le boikarabelo mo setšhabeng le boikarabelo jwa maitshwaro a a siameng mo baaging ba rona ba selegae mme ka ntlha ya moo, re tshwanetse ra kgona go tlisa diphetogo mo matshelong a batho," o bolela jalo. Mo isagweng, tirisanommogo ya rona e tlile go nna le thulaganyo ya go katisediwa bokgoni jwa tiro le go ithuta.

 

Itirele bokamoso jo bo botoka

 

Fa Mop Rodney Medupe, e leng mothusa-modini wa Legoro la Disaense tsa Tlhago le Temothuo a ne a tsibogela seno, o ne a akgolela NGH go nna le seabe ga yone ka tlhagafalo mo baaging le go thusa ka tsa thutogodimo.

 

"Matsapa ape a a diriwang malebana le thuto ke matsapa a go itirela bokamoso jo bo botoka," Rodney o bolela jalo. O ne a oketsa ka gore diphelelo tse dibasari di tlileng go nna le tsone ga se go solegela baamogedi ba tsone molemo fela, mme go tla solegela le baagi molemo mmogo le setheo sa temothuo.

 

"Tirisanommogo e e tshwanang le eno e tlisa tsholofelo, e seng fela ya go fitlhelelwa ga bokgoni jwa akatemi mme gape ya go rutwa dikgono tsa tlhamosešwa," o bolela jalo.

 

Mothusa mokaedi-mogolo wa NGH, e leng Bob Wang, ke ene a neng a tsamaisa lenaneo la go aba dibasari.

 

* NHG ke nngwe ya dikgwebo tse dikgolo go gaisa tsa poraefete tsa kwa Tšhaena e e dirang dikgwebo tse di farologaneng tse di akaretsang temothuo, diintaseteri tsa dikhemikale le eneji, thekiso ya matlo le go dira ka matlotlo, gareng ga tse dingwe. Kgwebo ya lefatshe ka bophara ya setlamo seno e akaretsa makala a le 450 mo dinageng tse di fetang 20 e bile e na le badiri ba ba fetang  80 000.

BOELA MORAGO