Go tlhamiwa ga simphosiamo seno
Simphosiamo sa bolwetse jwa autism se ne sa tlhamiwa morago ga kopano ya ka 2015 ya go tlotla ka tlhaelo ya ditirelo, go lemogwa ga bolwetse go sa le gale le dikgatotharabololo tse di mosola go badirelwaditirelo ba Bokone-Bophirima. Kopano eno e ne e akaretsa bana le seabe ba ba farologaneng, bao botlhe ba dumetseng go dirisa nako ya bone le bokgoni jwa bone go tlhama motswedi wa konokono wa ditiro tsa batlhatlheledi, baporofešenale ba tsa pholo le batsadi.
Simphosiamo sa bolwetse jwa autism sa 2016 le Yuniti ya Tshekatsheko ya bolwetse jwa Autism e ne e le matsholo a ntlha a tirisanommogo ya Setheo sa Boithutatlhaloganyo le Pholo. Fa e sa le ka nako eo, Simphosiamo se ne sa gola ngwaga le ngwaga mme mo ngwageng ono go ne go tlile batlakopanong ba le 212 mo go sone morago ga gore se simolole ka batlakopanong ba le 69 ka 2016 le ba le 149 ka 2017.
"Kgono ya go reetsa e botlhokwa thata mo go ba e leng baporofešenale le badiredi ba tlhokomelo ya pholo fa ba batla go tlhaloganya ka botlalo le go tshegetsa ka botlalo batho ba ba tshelang ka bolwetse jwa autism spectrum disorder (ASD) le go tshegetsa malapa a bone.
"Ka go reetsa, baporofešenale ba tla kgona go anamisa tshedimosetso mo maemong a a rileng go tokafatsa matshelo a batho ba ba tshelang ka bolwetse jwa ASD spectrum."
Hanlie Degenaar, ngaka e e alafang mathata a puo kwa YBB, a re eno e ne e le nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa e e neng ya tlhomololwa mo simphosiamong sa boraro sa bolwetse jwa Autism sa Setheo sa Yunibesiti ya Bokone-Bophirima sa Boithutatlhaloganyo le Pholo mmogo le Autism South Africa (a;)sa).
Mo tiragalong ya malatsi a mabedi a a simolotseng ka di 25 tsa Seetebosigo kwa khamphaseng ya YBB kwa Potchefstroom, bomankge, babatlisisi, batho ba ba tshelang ka ASD le ba malapa a bone, badiredi ba tlhokomelo ya pholo, barutabana, badiredi-loago le baakatemi ba nnile le tšhono ya go tlotla ka dikgang tse di farologaneng tsa botlhokwa.
Batlakopanong eno le bone ba amogetse tshedimosetso e e mosola e boikaelelo jwa yone e leng go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Ditlhogo di ne di farologana, go simolola ka sa botlhokwa jwa mokgwa o lelapa le dirang dilo ka one letsatsi le letsatsi le sa go lwantshana le bothata jwa go sa kgone go robala go fitlha ka sa go fenya dikgoreletsi tsa go ithuta, mathata a a amanang le tiro, basetsana ba ba nang le bolwetse jono, go ithuta puisokwalo le maano a go rarabolola mathata a bone. Gape go ne ga neelwa puo e nngwe e e tlhabang botlhale ya go dira diterama ga setlhopha sa bašwa le bana ba ba nang le ASD.
PHETLHOLELA KWA TLASE
PHETLHOLELA KWA TLASE
Tobetsa mo dikhutlong tse di mo tlase go buisa go feta.
Dintlha go ya pele
ka ASD
10 Melaometheo e le
10 ya dikgatotharabololo
Dintlha go ya pele ka ASD
Autism spectrum disorder (ASD) ke bolwetse jwa methapo.
Batho ba ba nang le ASD ba ka kgona go tlhaeletsana le ba bangwe, go dirisana le bone, go itshwara le go ithuta ka ditsela tse di farologanang le tsa bontsi jwa batho. Dikgono tsa go ithuta, tsa go akanya le tsa go rarabolola mathata a batho ba ba nang le ASD di ka simolola ka tsa maemo a a kwa godimo go fitlha ka tsa ba ba palelwang gotlhelele.
Batho bangwe ba ba nang le ASD ba tlhoka thuso e ntsi thata le tharabololo e kgolo ya mathata a bone mme ba bangwe bone ba tlhoka tshegetso e nnye fela. Batho ba ba nang le ASD gape ba ka thusa thata mo ditirong tse ba di kgatlhegelang ka mo go kgethegileng fa ba ntse ba leka go nna le tlhamosešwa e e tlhomologileng.
10 Melaometheo e le 10 ya dikgatotharabololo
Mop Petrus de Vries wa Senthara ya Patlisiso ka Autism mo Aforika kwa Yunibesiting ya Cape Town, o ne a le sebuisegolo mo letsatsing la ntlha la simphosiamo.
O ne a tlhomolola melaometheo e le 10 ya dikgatotharabololo tsa ASD. Di akaretsa tshekatsheko e e tseneletseng ya kaelo ka dikgatotharabololo tse di tseneletseng, gore tharabololo e le nngwe ga e kitla e thusa botlhe, botlhokwa jwa go amogela dikgono tse ba bangwe ba ba nang le mathata a a masisi a ASD ba nang le tsone le go di tlhabolola, le botlhokwa jwa gore lelapa le tlhome mogopolo mo dikgatotharabololong.
Go rarabolola bothata go sa le gale go botlhokwa thata, o bolela jalo. Gape go botlhokwa go tlhaloganya gore ke eng fa ba itshwara ka ditsela tse di rileng le go dirisa dikgatotharabololo tse go nang le bosupi jwa gore di a atlega. O ne a gatelela botlhokwa jwa go ruta batsadi le go katisetsa banyalani dikgatotharabololo tsa tlhago fela tsa go tlhabolola boitshwaro jwa bone.
BOELA MORAGO