Tobetsa fano gore o buise go ya pele
Sebui sa moeng (sa boraro go tswa ka fa molemeng) kwa Diawateng tsa Patlisiso tsa Maemo a a kwa Godimo e ne e le Mop Olive Shisana, moporofesa yo o tlotlegang wa Yunibesiti ya Cape Town. Fano o na le Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri wa YBB, Mop Nancy Phaswana-Mafuya, mothusa motlatsa-mokanseliri wa patlisiso le tlhamosešwa, le Mop Frikkie van Niekerk, mothusa motlatsa-mokanseliri wa pele wa patlisiso le tlhamosešwa.
x
Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi la YBB le ne la tsaya maemo a ntlha gape ka nako ya Diawate tsa Patlisiso tsa Maemo a a kwa Godimo ka di 27 Diphalane. Legoro le fentse maemo a Mmatlisisimogolo yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe le Mmatlisisimmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe, fela jaaka ba dirile mo ngwageng o o fetileng.
Maloko a le mantsi a badiri ba ba tlhomologileng ba dirutwa tse dingwe gape a ne a akgolelwa tiro ya bone ya maemo a a kwa godimo ya patlisiso, tlhamosešwa, go tsaya karolo mo baaging le bokgoni jwa bone jwa go tlhama.
Bojanala kwa YBB bo tswelela pele go gapa diawate. Mop Melville Saayman wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi mo khamphaseng ya Potchefstroom ke mmatlisisimogolo yo o nang le matswela go ba gaisa botlhe wa YBB wa ngwaga wa 2016.
Jaanong Melville o e gapa lekgetlo la botlhano fa e sa le ka 2009, o bontsha tiro ya maemo a a kwa godimo e e sa fetogeng ya patlisiso ya gagwe. Ke mokaedi wa yuniti ya Tourism Research in Economic Environs and Society (TREES).
Mop Leon de Beer, yo le ene e leng wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi, ke Mmatlisisimmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe.
Mo Ngwageng wa bone ka go latelana, awate ya Setheo sa Patlisiso se se Nang le Matswela go di Gaisa Tsotlhe se ne sa ya go Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng le Tlhabololo ya Setšhaba sa Aforikaborwa, yuniti ya patlisiso mo Legorong la Thutabomodimo.
Yuniti eno e na le setlhopha sa maloko a badiri ba leruri ba le 19 mme se gatisitse diathikele tse di kgatlhang di le 103 mo makwalopakeng a a amogetsweng semmuso ka 2016.
Patlisiso ke seikokotlelo
Sebui sa moeng kwa Diawateng tsa Patlisiso tsa Maemo a a kwa Godimo e ne e le Mop Olive Shisana, moporofesa yo o tlotlegang wa Yunibesiti ya Cape Town.
Patlisiso ke seikokotlo sa tlhabololo mo nageng epe fela. E tlisa tharabololo ya dikgwetlho di le dintsi tse setšhaba se lebaneng le tsone mo ditheong tsotlhe." O ne a tlhomolola dikgwetlho di le tharo tsa lehuma, botlhokatiro le go sa tshwarweng ka tekatekano go go tshwanetseng ga rarabololwa le dilo tse babatlisisi ba ka thusang ka tsela e e botlhokwa mo go tsone gore NDP e fitlhelele mekgele ya yone.
Mo gare ga diyunibesiti tse dikgolo
Mop Nancy (Refilwe) Phaswana-Mafuya, mothusa motlatsa-mokanseliri wa patlisiso le tlhamosešwa, a re YBB e na le porofaele e e tlhomologileng ya boditšhabatšhaba le diphelelo. Yunibesiti e beilwe mo maemong a ntlha a a kwa godimo a le tlhano mo Aforikaborwa le mo maemong a ntlha a le 500 mo lefatsheng lotlhe ka ntlha ya tiro ya ka natla le boineelo jwa babatlisisi le batlhamasešwa ba yone.
A re YBB e ikemiseditse go oketsa palo ya babatlisisi bao NRF e ba neileng maduo, diporojeke tse di ntšha tsa tsa patlisiso, ditshenolo tsa tshedimosetso, ditshwanelo tsa semolao, ditlhogo tsa patlisiso le tlhamosešwa, baalogi ba gerata ya bongaka le baakatemi-bagolo ba morago ga gerata ya bongaka, mmogo le ditheo tsa patlisiso.
Tobetsa dinomore tse di fa tlase go reetsa bafenyi ba rona.
Click fano go bona lenaane le le feletseng la bafenyi ba diawate le ba ba nnileng le diphitlhelelo tse di rileng.
Babatlisisi
ba ba kwa
godimo ba YBB
Mop Melville Saayman ke Mmatlisisi yo o Nang le Matswela go Gaisa Botlhe wa YBB ngwaga wa boraro ka go latelana. Patlisiso ya gagwe e thusitse fela thata go tokafatsa botsamaisi jwa bojanala.
BAYA LERUMO LA PEBA FA GODIMO GA SETSHWANTSHO GORE O BUISE GO YA PELE.
Sejana sa Mmatlisisimmotlana yo o Nang le Matswela go ba Gaisa Botlhe se ne sa newa Mop Leon de Beer wa Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Botsamaisi.
Mop Ferdi Kruger, mokaedi wa yuniti ya patlisiso ya Thutabomodimo e e Tlhabolotsweng le Tlhabololo ya Setšhaba sa Aforikaborwa, o neilwe awate ya Setheo se se Nang le Matswela go di Gaisa Tsotlhe mo boemong jwa yuniti eno. E ne e le phenyo ya gagwe ya bone ka tatelano mo ya setheo.