>

>

BUISA GO FETA

le ba bobegadikgang go supa matswela a gone

Go na le polelo e e reng, "Tsamaya

le batho ba ba botlhale gore o tlhalefe".

Mosola wa go inaakanya le ba bangwe o ne wa bontshiwa  sentle kwa dikokoanong tse pedi tsa go inaakanya le ba bangwe tse YBB e neng e di tshwere bošeng jaana go nonotsha kamano ya yone le babegadikgang ba ditlamo tse di farologaneng tsa bobegadikgang.

 

Tiragalo ya ntlha e ne e tshwaretswe kwa Pretoria ka di 25 Diphalane mme mo go yone, YBB e ne e dirisana mmogo le National Press Club go amogela babegadikgang ba ba gatisang, ba dijethale le ba kgaso.

 

Dibui tse di neng di emetse YBB mo tiragalong eno e ne e le Rre Clement Manoko, mokaedi-mogolo wa dikamano tsa kgwebo le go maketa, Mop Albert Helberg wa Legoro la Boenjenere mo khamphaseng ya Potchefstroom, Mop Herman van der Merwe, mothusa-modini wa go ruta le go ithuta wa Legoro la Disaense tsa Kgwebo le Botsamaisi.

 

Clement o ne a bolelela ba metswedi ya dikgang ka thulaganyo e ntšha ya yunibesiti le dituediso tsa 2018 tsa yunibesiti, mme a bua ka batho ba ba nang le bokgoni bao ba tlhagisitsweng ke setheo. Herman o ne a bolelela babegadikgang gore yunibesiti e tsepile mogopolo mo go nonotsheng bagwebi, mme Albert ene o ne a lebogela babegadikgang botlhe go bo ba anamiseditse kgakala letsholo la koloi e e tsamaisiwang ke mogote wa letsatsi.

 

Motlatsa-mokanseliri o leboga babegadikgang

Ka di 3 Ngwanaitseele, Mop Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri, o ne a ema babegadikgang ka lefoko kwa kokoanong ya go inaakanya le ba bangwe kwa khamphaseng ya Potchefstroom.

 

Mop Dan o ne a simolola tiragalo eno ka go lebogela babegadikgang kamano e ba dirileng gore ba nne le yone le yunibesiti. O ne a tlhaola ka fa YBB e ileng ya tlogela ka gone go dirisa mokgwa wa puso wa go laola dilo le go simolola mokgwa wa yone wa go ikemela ka nosi ka thulaganyo ya yone e ntšha.

 

Gape o ile a umaka go sekae baithuti ba ba setseng ba ikwadiseditse go ithuta kwa YBB ka 2018, le go bua ka dituediso tsa yunibesiti le letshwaotlhaolo.

 

Clement o ne a bua jaana fa a ne a tshwaela ka ditiragalo tsa go inaakanya le ba bangwe: "YBB e anaanela thata go anamisediwa ga yone kgakala le kemonokeng ya maloko a bobegadikgang. Re lebile pele go dirisana mmogo le lona ka tsela e e molemo ka 2018."