>

>

Tsepa go

Simposiamo

ka dipuo

YBB e ne ya tshwara simposiamo ka dipuo tsa thutogodimo ka di 31 Diphalane kwa Potchefstroom. Eish! e ne ya bua le Mop Robert Balfour, mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta, ka tiragalo eno.

Mop Robert Balfour ke mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta.P: Goreng YBB e ne e tshwara simposiamo ka dipuo?

K: Simposiamo seno e ne e le karolo ya thulaganyo ya dikgakololano pele go tlhatlhobiwa dipuo tse yunibesiti e di dirisang - o gape e tla nnang tiragalo ya go gakololana - e e tla tshwarwang ka Mopitlwe 2018. Morago ga moo, go tla tlhamiwa pholisi ya dipuo e ntšha  e bo e romelwa go Lekgotla ka Seetebosigo 2018.

 

P: Simposiamo seno se ne sa rulaganngwa ke mang, mme go ne ga tla bomang kwa go sone?

K: Tiragalo eno e ne ya rulaganngwa ke setlhopha sa pholisi ya dipuo le dithulaganyo, ofisi ya mothusa motlatsa-mokanseliri wa go ruta le go ithuta le ke lefapha la dipuo la YBB. Baeng ba ka nna 100 ba ne ba tsenela tiragalo eno, ba ne ba akaretsa maloko a badiri, baithuti, maloko a ba metswedi ya dikgang le bomankge ba le mmalwa.

 

P: Re bolelele go le gontsi ka mokgwa o simposiamo seno se neng se ka one.

K: Sa ntlha, Mop Mbulungeni Madiba, moporofesa mmogo le mookamedi wa Porojeke ya Go Ruta ka Dipuo Tse di Farologaneng kwa Yunibesiting ya Cape Town, o ne a neela puo ya gagwe ya setlhogo.

 

O dumela gore tiriso ya dipuo tse di farologaneng e botoka go gaisa Seesemane fela. Tota e bile, Mop Madiba o ne a tlhalosa gore puo e na le seabe mo mokgatlhong wa bosetšhaba wa baithuti wa go tsosa dikhuduego le gore Seesemane le sone se na le dipholo tse di kwa tlase thata.

 

Go ya ka ene, tiriso ya dipuo tse di farologaneng  ke go dirisa puo e e fetang e le nngwe fa o ruta, go tokafatsa tsela e baithuti ba tlhaloganyang sengwe ka yone le go bopa megopolo e e rileng mo tlhaloganyong. A re seno le sone se bulela dipuo tsa Seaforika tšhono ya gore di gole gore e nne dipuo tsa akatemi.

 

Morago ga puo ya ga Mop Madiba go ne ga latela metlotlo e mebedi ya phanele e e neng e tlhomile mogopolo mo go tlhabololweng ga dipuo tsa setso tsa Seaforika gore e nne tsa thutogodimo, le seabe sa Seesemane mo thutong-godimo fa go dirisiwa dipuo tse di farologaneng.

 

Gape baeng ba ne ba bulegetswe ke tšhono ya go botsa dipotso le go ntsha ditshwaelo tsa bone.

 

P: Bomankge ba ba neng ba tshwere motlotlo wa ntlha wa phanele e ne e le bomang, mme ba ne ba bua ka eng?

K: Bomankge ba ntlha mo phaneleng ba ne ba akaretsa Rre Lebohang Mathibela wa Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho, Rre JWP Mashike, mothusa-modulasetulo wa Setlhopha sa Bosetšhaba sa Puo ya Setswana, Mop Shole Shole wa Legoro la Mekgwa ya Batho, Ngaka Conrad Steenkamp wa Lekgotla la Puo ya Seaforikanse le Mop Gert van der Westhuizen, modulasetulo wa Setlhopha sa Bosetšhaba sa Puo ya Seaforikanse.

 

Dintlha tse di kgatlhang tse di neng tsa ntshiwa ke bomankge bano e ne e le tse di latelang:

  • Re tshwanetse go dirisa dipharologano tsa dipuo tse re nang le tsone.
  • Setswana se siametse go dirisiwa thata mo thutong-godimo.

 

P: A o ka re bolelela go le gontsi ka motlotlo wa bobedi wa phanele?

K: Batsayakaolo ba phanele ya bobedi e ne e le Mop Rosemary Cromarty wa Legoro la Dithuto tsa Mekgwa ya Batho, Mop Susan Coetzee-van Rooy, Mothusa-Modini wa Legoro la Mekgwa ya Batho, Ngaka Dumisile Mkhise wa Legoro la Thuto le Mop Nhlanhla Maake, modulasetulo wa Setlhopha sa Bosetšhaba sa Puo ya Seesemane.

 

Go latela ditshwaelo dingwe tsa bone fano:

  • Fa ngwana a sa rutwe puo a sa ntse a fatlhoga, seno se tla kgoreletsa kgono ya gagwe ya go ithuta mo dikarolong tsotlhe tsa go ithuta mo botshelong jwa gagwe.
  • Ka 1976, go ganana le Seaforikanse go ne ga felela ka gore Seesemane se amogelwe fela thata mme ka 1994 seabe se dipuo tsa Seaforika di nang le sone sa go ithuta le go ruta se ne se tlhokomologiwa.

 

P: A go ne ga umakiwa sepe ka ditirelo tsa ga jaanong jaana tsa go toloka?

K:  Ee, go ne go ganetsanwa ka dilo tse pedi tse di amanang baithuti. Sengwe se go neng go ganetsanwa ka sone e ne e le gore Potchefstroom e tlogele go toloka mme dithuto di tshwarwe ka Seaforikanse le ka Seesemane, mme e nngwe e ne e le ya gore go toloka go dira sentle mo khamphaseng e bile go thusa baithuti go kopana mo diphaposing tsa botlhatlheledi.

 

P: Go tlile go diregang morago ga motlotlo ono?

K: Pholisi e e kwadilweng ya dipuo le dithulaganyo e ne ya newa Senete ka Seetebosigo 2017 mme e tla lejwa gape morago ga metlotlo eno le ditshwaelo tse di dirilweng kwa motlotlong ono. Pholisi e e kwadilweng le dithulaganyo e tla romelwa go baamegi botlhe, go akaretsa le magoro, makgotla a baithuti, maphata a kemonokeng le Lekgotla mo tsamaong ya 2018, go ya ka dithulaganyo tsa kgakololano tse di setseng di tlhalositswe.