TOBETSA GO BUISA GO FETA

DIKAKGELO TSA

MORULAGANYI

E tla re re re ke dipitse re bo re bone ka mebala

 

Rotlhe re kile ra utlwa seane se se reng "  e tla re re ke dipitse re bo re bone ka mebala". Seno se ka nna sa nna boammaaruri le mo kgannyeng ya go dira patlisiso.

 

Ke dumela gore go na le dikgato tse di raraaneng tsa go sekaseka boleng jwa patlisiso, mme a re bueng ka tse pedi tsa tsone: malebela a re ka tsayang mo go one le bomosola jwa one.

 

Sa ntlha ke dumela gore "bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jaaka jwa mmala wa dipitse" bo ka bonwa ka go sekaseka patlisiso ya botshelo jotlhe. Ka sekai, akanya ka Mop Melville Saayman le Mop Alta Schutte, bao bošeng jaana ba neng ba akgolwa ke Foramo ya Bosetšhaba ya Saense le Thekenoloji jaaka banetetshi ba ba tlhomologileng fa ba ne ba newa

 “Dikabelokhuno tsa Saense”.

 

Sa bobedi, patlisiso e tshwanetse go nna mosola – mongwe kgotsa sengwe se tshwanetse go solegelwa molemo ke yone, gongwe ka tlhamalalo kgotsa ka tsela e e seng ya ka tlhamalalo.

 

Jaaka fa Alta a ile a tshwaela fa a sena go fenya awate ya gagwe: "Kwa bokhutlong se se botlhokwa ke go tsenya letsogo ga rona go thusa mo go tsa saense."

 

Go ka direga gore dipholo tsa patlisiso di tokafatsa matshelo kgotsa go nna gone ga batho, ga diphologolo kgotsa ga polanete. Gape go ka direga gore dipholo tseno di oketsa kitso ya lefatshe lotlhe ya ikonomi, di thaya motheo wa go dira patlisiso ya mo isagweng.

 

Batho fela ba ba tlwaelegileng ba solegelwang molemo ke patlisiso ya banetetshi ba bagolo jaaka ba babedi bano – ka go nna le kitso e ntšha le go tlhaloganya. Mo ntlheng eno, Melville le mmatlisisi yo mongwe, e leng Mop Henri Bezuidenhout, ba re abela maitemogelo a bone ka ditlhogo tse pedi tse di kgethegileng tsa Eish! E nngwe e bua ka tsela e borukhutlhi bo amang bojanala ka yone,  mme e nngwe yone e bua ka go rutwa tirisano mmogo fa gare ga ditso tse di farologaneng le go tlhaloganyana ga tsone.

 

Ke akanya gore go matshwanedi gore re lebogeng babatlisisi botlhe ba YBB. Re lo lebogela go tokafatsa matshelo le go godisa go tlhaloganya ga batho lefatshe le le gakgamatsang le le re dikologileng. E tla re re ke dipitse re bo re bone ka mebala.

 

Buisang ka boitumelo

 

 

>

>