Baithuti ba diatshe le thekenoloji ke bone ba neng ba se akanyetsa pele mo mogopolong, ba se thala ba bo ba se bopa. Baakatemi mmogo le bana le bagolo go tswa mo baaging le bone ba ne ba tsaya karolo mo porojekeng eno

>

Porojeke e thusa go tlhaloganya dilo dingwe boša

 

Robert a re porojeke e mo thusa go tlhaloganya dilo dingwa boša malebana le seabe sa boeteledipele, kamano fa gare ga baithuti ba dirutwa tse di farologaneng le badiri le go nna le seabe ga baagi.

 

"Malebana le mekgatlho e e neng ya nna gone mo diyunibesiting tsa Aforikaborwa ya #RhodesMustFall and #DecoloniseTheCurriculum, seabe sa matshwao, a setheo kgotsa a bosetšhaba se elelediwa gape kwa pele. A re gopotsa maitemogelo a hisitori e e fetileng e gantsi e neng e na le diphelelo tse di sa siamang e gape ka metlha e neng e batla e baka dikgaogano fa gare ga bong, lotso le maemo a botshelo mme gape a dira jaaka e kete Aforikaborwa yo 'moša' ga a ise a nne gone.

 

A re ditheo ga di ise di simolole go nna tsone tsa ntlha go tsaya kgato ya go akanyetsa go dira matshwao a a sa supeng fela maitemogelo a nako e e fetileng, mme gape a a bontshang mekgele ya mo isagweng.

BUISA GO FETA

>

>