Dikakgelo

tsa Motseleganyi

Re na le ditso tsa methalethale

PHETLOLELA KWA TLASE

Badiri ka nna ba ba rategang,

 

Mo athikeleng ya bošeng jaana mo motseletseleng wa rona wa ka gale wa Eish!, “Ditso tsa mefuta e e farologaneng”, Noory Yusuf wa Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa o re bolelela go le gontsi ka dijo tse di leng Halaal. Go buisa athikele eno go nkgopoditse ka ditso tsa methalethale tse di tshwantshetsang botshelo mo YBB.

 

Maloko a YBB a farologana ka ditso, meetlo, dipuo, dilo tse a di kgatlhegelang le ka ditalente mme diteng tsa Eish! eno di bontsha methalethale eo. Dilo tse di kgatlhegelwang le ditalente di simolola ka bomankge ba molao (leba athikele ka Melao ya Legoro ya ditsheko tsa go ikatisa) go fitlha ka bokgoni jwa go buisana le ba bangwe (leba athikele ka Clement Manoko).

 

Gape batho ba bontsha mokgwa wa bone wa go amega ka ba bangwe ka ditsela tse di farologaneng. Bangwe ba leka go fitlhelela batho ka go opela (leba athikele mo motseletseleng wa “Badiri-ka-rona”) fa ba bangwe ba dira tiro e e fetang e e lebeletsweng mo go bone ya go direla ba bangwe (leba athikele ya motseletsele wa “Go sa ipone tsapa”).

 

Ga re rate dilo tse di tshwanang – bangwe ba rata go kwala kgotsa bo buisa dibuka("Dikgang tsa Byderhand Haven kwa De Jonge Akker") fa ba bangwe bone ba kgatlhwa thata ke thekenoloji ya tshedimosetso ya segompieno ("Didirisiwa tsa go dira patlisiso mo lekgolong la dingwaga la bo21").

 

Ga re fitlhelele sepe ka borona mo lefatsheng leno... se se diregang se direga ka ntlha ya mokgwa wa rona wa botshelo le wa ba bangwe botlhe ka go thusana ga rona le bone go fitlhelela sengwe. (Motswedi)

 

Buisang ka boitumelo,

 

>

>