Motsamaisi wa Senthara ya Saense ya NWU o amogela

Oska ya Saense

 

Motsamaisi wa Senthara ya Saense mo Khamphaseng ya Potchefstroom o amogetse kabelo ya NSTF-South32, e gape e itseweng jaaka “Oska ya Saense” ka temogo ya tiro e e thwadi e a e dirang.

SCROLL DOWN

>

>

Mop. Jan Smit o tlotlilwe ka 30 Seetebosigo ka nako ya Dijo tsa moletlo kwa Emperors Palace mo setlhopheng sa tlhaeletsano ya kotlololelo seatla le go tlhoka kitso. Jan e ne e le mongwe wa ba ba robedi ba YBB ba ba tlhophetsweng makgaolakgang mo dikabelong tsa saense tse di tlotlegang tsa National Science and Technology Forum’s (NSTF). (bona bara ya mo letlhakoreng ya setlhogo sa, “Mme batlhophiwa ba bangwe ba YBB e ne e le…”)

 

O Tlotlilwe mme o ikokobeditse

 

Jan, motsamaisi wa Senthara ya Saense mo Khamphaseng ya Potchefstroom, a re e ne e le tlotla e kgolo go lemogiwa go bapa le borasaense ba bagolo go gaisa mo Aforikaborwa.

 

“ke dirilwe boikobo ke temogo e. ke ikutlwa jaaka lemponempone le le lebile kwa godimo ga magetla a mekaloba.”

 

Kwa tshimologong o ne a etsaetsega go gaisanela dikabelo. “Ke dumela gore motho o tshwanetse go dira tiro ya gagwe ka bokgoni jotlhe jwa gagwe, e seng gore a amogele tlotlo mme ka ntlha ya gore o dumela mo go yona. Ke ne ke gakgametse ka mo go itumedisang. Kabelo e ke thotloetso e e molemo ya go tswelela go dira tiro ya itshimololela e gape e leng ya boleng jo bo kwa godimo.”

 

Jan a re o leboga borasaense botlhe le baithuti ba ba nnileng le seabe mo boiphedisong jwa gagwe. Bano ba akaretsa borasaense ba bagolo ba ba jaaka Mop. Pieter Stoker le baithuti ba lobaka lo lo fetileng ba ba jaaka Mop. Dan Kgwadi, motlatsa-mokanseliri wa YBB.

 

Tiro ya gagwe ya ga jaana e tsenya seatla mo go agiweng ga letlotlo la setho ka di tsela tse dintšhwa tse di tokafatsa kitso, bokgoni le boitsholo jwa baithuti le setšhaba mo mafapheng a a botlhokwa a saense le thekenoloji ya boejenere. Kumo ya kwa phelelong ya pono ya gagwe ke baenjenere ba ba rutegileng sentle, borasaense le baitseanape ba thekenoloji.

 

Dikabelo tse di batliwang go gaisa

 

Dikabelo tsa NSTF-South32 ke dikabelo tsa bosetšhaba tse dikgolo go gaisa, tse di feletseng go gaisa e bile tse di batliwang go gaisa tsa mofuta wa tsona.  Di fa tlotlo go e bile di akgola diabe tse di botswerere jwa saense, thekenoloji le itshimololelo.

 

Moemanokeng wa dikabelo, tse e leng tsa mofuta ka nosi mo Aforikaborwa, ke Tona ya Saense le Thekenoloji, Naledi Pandor.

 

Setlhogo sa monongwaga e ne e le “Menawa”. Se ne se lemoga Ngwaga wa 2016 wa Boditšhabatšhaba wa Monawa jaaka se boletswe ke Lekgotla la Ditšhabatšhaba. Setlhogo se rotloetsa e bile se tsweletsa kitso ka boitekanelo, kotlo le go itsweletsa ga leruri ga tikologo go netefatsa pabalesego ya dijo le boitshimololelo jo bontšhwa.