NWU Tsebegae

 

 

 
Ikgolaganye le rona  |  Batla
 
   
 

NWU receives sought-after award

Potchefstroom – Mongwe ba baithuti ba onase ba Khamphase ya Potchefstroom ya YBB ba Sekolo sa Tsa Ikonomi, e leng Carike Claassen, o ne a tlhophelwa maemo a bobedi a Kgaisano ya go Bajeta ya Nedbank Old Mutual ya 2008.


Carike o ikgapetse moputso ono o botlhe ba neng ba o meletsa mathe ka setlhogo se a se kwadileng mo ngwageng o o fetileng. Gape o ne a tlhaga fa pele ga phanele ya babotsolotsi. Kgaisano eno ya mo nageng yotlhe e tshwarwa ngwaga le ngwaga mme morago ga go nna le seabe mo go yone, o ne a ikgapela R15 000.


Barulaganyi ba kgaisano eno ba tlhopha setlhogo se se buwang ka ikonomi sa kgaisano eno ngwaga le ngwaga.  Morago ga moo ba ba nnang le seabe mo go yone ba tshwanetse go kwala tlhamo e mo go yone ba arabang dipotso le go tlhagisa ditshitshinyo tsa bone tsa gore ba ne ba ka dira jang tekanyetsokabo ya bone ya Aforika Borwa.


Porofesa Wilma Viviers, e leng Mokaedi wa Sekolo sa Tsa Ikonomi , a re eno ke kabelo e e gwatlheng le e e rotloetsang baithuti e bile e ba tlotlhetlheletsa ngwaga le ngwaga gore ba e tsenele. Ngaka Riaan Rossouw le mohumagatsana Jacky van der Merwe ba ne ba thusa baithuti ka ditsela dingwe tsa go feleletsa sentle kabelo e ba neng ba e neilwe. Rossouw o ne a pata Carike go ya kwa puong ya tekanyetsokabo mme o tlhalositse gore o dirile sentle tota fa a ne a botsolodiwa e bile o ne a emetse sentle Khamphase ya YBB ya Potchefstroom.


Viviers a re mongwe le mongwe mo sekolong mo Legorong la Tsa Ikonomi le Disaense Tsa Botsamasi o motlotlo tota ka tsela e Carike a dirileng ka yone.

 

© Yunibesithi ya Bokone-Bophirima 2009. Ditshwanelo tsotlhe di bolokilwe.
Ditumalano le Maemo