Printer-friendly version
Print
Share this
 

LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO
Sekolo sa Dipuo

Ka ga rona

Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng Sekolo se ile sa di goga kwa pele tlhabololong ya go dira ka dipuo, segolobogolo fa re tla mo kgannyeng ya go ranola go dirisiwa dilo tse re kgonang go di utlwa le go di bona. Se dirile jalo mo tirong ya go katiso le ya go dira patlisiso.

Re naya baithuti katiso ya maemo a a kwa godimo ba ntse ba le mo tirong, mo ditirong tse di farologaneng tse di jaaka thanolo ya go thusiwa ke khomphiuta (CAT), desktop publishing (DTP), go tlhama setsha sa inthanete, thanolo go dirisiwa dilo tse re kgonang go di utlwa le go di bona (go ranola mafoko mo sekirining fa filimi e tshameka le tlhaloso ya mantswe), botseleganyi, thanolo, kgatiso, bobegadikgang le go ruta puo. Katiso eno e akaretsa go boloka tekatekano fa gare ga go e tsenya tirisong le go tsweletsa pele dikgopolo tsa yone. Ofisi ya rona ya puo (CTrans) e katisa baithuti ba ngwaga wa boraro ba ntse ba le mo tirong. Ofisi eno e tlamela ka thanolo ya seporofeenale, botseleganyi le ditirelo tsa go ranola mafoko mo sekirining fa filimi e ntse e tshameka ka tlhwatlhwa-tlase.

Gape re dira patlisiso mo setlamong sa patlisiso se se bidiwang UPSET (Understanding and Processing Language in Complex Settings) ka tiriso ya dipuo tse di farologaneng (go akaretsa le thuto ya puisokwalo), go dira ka puo le dipuo tse di farologaneng. Tiro nngwe e e neng ya dirwa boeng jaana malebana le patlisiso ke go batlisisa ga rona ka go buisa, go ranola mafoko mo sekirining fa filimi e ntse e tshameka ka thuso ya didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo.

Gape, Sekolo se dira ka natla mo tirong e e amanang le Dipuo Tsa Se-Aforika mo dikhosong tsa ba ba sa ntseng ba simolola dithuto tsa yunibesiti le tsa lekwalo la morago ga boalogane le go dira gore badiri ba nne le seabe mo dikokoanong tsa bosethaba le tsa bodithabathaba ka dipuo tsa Seaforika mmogo le ka padi le mo lefapheng la Pan South African Language Board (PanSALB) la go kwala dibukantswe tsa Sesotho.