
DIATSHE TSA PUK
Mafoko a kamogelo
Lefapha la Diatshe tsa PUK le a go amogela! Iphe metsotso e sekae go leba webosaete ya rona gore o tlwaelane le bontsi jwa ditiro tsa diatshe tsa Khamphase ya Potchefstroom ya YBB. Re na le tsebe ya mo e ka nnang diltalente tsotlhe tse di tlhomologileng tsa baithuti, e bile mo godimo ga moo, re atswa baithuti ba ka moso ka basari ya go nna ga bone le seabe mo dilong tsa setso ka nako ya fa ba sa ntse ba le mo sekolong se segolo.
Re solofela gore o tla bona se o se batlang mo webosaeteng eno kgotsa, botoka go feta moo, gore o tla itumedisiwa ke go kopana le dilo dingwe tse o neng o sa lebelela go kopana le tsone! Le fa re itumedisiwa thata ke go leba ga gago webosaete ya rona, re tla itumelela thata go go amogela ka bowena mo khamphaseng ya rona e ntle!
Horst Bütow (Mokaedi: wa Diatshe tsa PUK)


