Printer-friendly version
Print
Share this
 

Khampase ya Khutlotharo ya Lekwa - Setheo sa go Tlhatlhelela Baithuti

Ka ga rona

Setheo sa Go Tlhatlhelela Baithuti se na le maloko a le mane a badiri. Mooki wa seporofešenale yo o kwadisitsweng, baithutatlhaloganyo ba babedi ba ba kwadisitsweng le mokwaledi.

Kwa Tliliniking ya Konokono ya Tlhokomelo ya Pholo mo Moagong 25, mooki yo o kwadisitsweng o tlamela ka ditirelo tsa konokono tsa tlhokomelo ya pholo go akaretsa le go oka malwetse a mannye, mathata a a amanang le tsa pelego, go dira diteko tsa HIV/Aids le go naya kgakololo ka yone ., go romela balwetse kwa batlameding ba bangwe ba pholo fa go tlhokega, jj

Senthara ya Mekgele ya Tiro e thusa baithuti go dira di-CV tsa bone, e kopanya baithuti le bathapi ba go ka diregang gore ba ba thape mo isagweng, e thusa ka go dira dikopo tsa tiro, e baakanyetsa baithuti go botsolodiwa, e rulaganya dipontsho tsa mekgele ya tiro le dipuo tse di neelwang ke bathapi mo dikhamphaseng, jj.

Jaaka baithutatlhaloganyo, re tlhomeletse sentle tota go ka thusa baithuti go tlwaela botshelo jwa mo khamphaseng, go ba thusa ka mathata a tlhabololo, kgolo ya bone ka namana, mathata a bone ka namana, mathata a a amang le go ratana le ba bangwe, go sa diriseng diokobatsi sentle, jj. Gape re nna le seabe ka botlalo mo Lenaneong la Kamogelo ya Baithuti ba Ngwaga wa Ntlha kwa tshimologong ya ngwaga mongwe le mongwe wa thuto, re tlhomamisa gore ga go moithuti ope wa ngwaga wa ntlha yo o tshwanetseng go ikutlwa a tlhokomologilwe. Mo godimo ga moo, gape re nna le seabe mo lenaneong la go tlhama boeteledipele, go dira le baithuti ba ba tlhophilweng ba Khamphase.