
LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO- KHAMPASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA
Sekolo sa Disaense Tsa Motheo
Ka ga rona
Sekolo sa Disaense Tsa Motheo se dira tiro ya sone mo Legorong la Dirutwa Tsa Mekgwa ya Batho kwa Khamphaseng ya Khutlotharo ya Lekwa ya YBB. Re lefapha la thuto le le rutang dithuto tse di jaaka Hisitori, Filosofi, Saense ya Sepolotiki, Bookamedi le Botsamaisi jwa Puso, le Thutabomodimo.
Boikaelelo jwa sekolo ke go tlhagisa baalogi ba ba nang le bokgoni le go dira patlisiso e e tseneletseng, mme ka jalo itlhatlhobo le tlhatlhobo ya balekane e botlhokwa thata mmogo le go dira patlisiso. Re go tsaya e le tshiamelo go direla batho mo sethabeng sa rona ka katiso ya thuto le patlisiso tse re di dirang. Batlhatlheledi mo Sekolong sa rona le bone ba bona nakonyana ya go direla batho mo tikologong ya rona ditirelo mo ditirong tse ba nang le bokgoni mo go tsone.


