
LEGORO LA DIRUTWA KA MEKGWA YA BATHO - KHAMPHASE YA KHUTLOTHARO YA LEKWA
Sekolo sa Disaense Tsa Loago
Mafoko a Kamogelo a Mokaedi wa Sekolo
Thuto ya Sekolo sa Disaense Tsa Loago ke thuto ya go tlhaloganyo ka fa batho ba itshwarang ka gone mo maemong a a farologaneng a botshelo, jaaka ka nako ya fa motho a le nosi fela, a le mo loagong lo re tshelang mo go lone, mo tirong le mo dikamanong tsa gagwe le ba bangwe.
Le fa go ntse jalo, ga se kgang fela ya go tlhaloganya seno mme motho o tshwanetse go dirisa kitso eo fa a lebana le maemo a mmatota a a umakilweng malebana le seno. Boikaelelo jwa thuto ya sekolo e e rutang ka mekgele ya botshelo le mananeo-kakaretso a kgolo, patlisiso le go nna le seabe ga baagi ke go dira gore batho ba kgone go ikemela ka nosi le go dirisa baagi le mekgatlho go tlisa diphetogo mo setšhabeng gore re thuse thata mo go direng gore go bonwe ditharabololo tsa mathata a a bakwang naga ya e e tlhabologang ya Aforika e e jaana Aforika Borwa.
Sekolo se thusa go tlamela ka Ba-Aforika Borwa ba ba nang le bokgoni ka go tlhagisa baporofešenale ba ba katisitsweng sentle ba ba nang le bokgoni jwa go gaisana le ba bangwe mo lefatsheng leno la dikgaisano.
Salang sentle
Porofesa Chrizanne van Eeden


