Printer-friendly version
Print
Share this
 

TAOLO LE BOTSAMAISI
DITHULAGANYO TSA BOTSAMAISI:Ka fa Mokgatlho o Rulagantsweng ka Gone
Motlatsa-Mothanselara

Molaetsa wa Motlatsa-Mothanselara

O a amogelwa mo tsebegaeng e e nthafaditsweng ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB). Le fa lebaka la gago e ka tswa e le lefe la go bula setsha seno sa inthanete – gongwe e le ka go bo o batla go nna moithuti wa rona mo isagweng, o le modiri, modirisani-mmogo le rona kgotsa o le mothusi wa rona ka madi - re solofela gore o tla nna o re etela fano kgapetsa-kgapetsa.

Yunibesiti eno e gatetsepele tirisanong ya yone le batho mmogo le go ba naya tshedimosetso e bile re ipelela go bo re na le tshono ya go tlotlela botlhe ka hisitori ya rona, diphitlhelelo le dithulaganyo tsa rona tsa mo isagweng re re batlang go di dira le wena.

YBB eno e e leng setheo sa bone se segolo go di gaisa tsotlhe mo Aforika Borwa, e itirela leina le lentle mo gare ga tse dingwe tsotlhe. Mo go se re se dirang, re kaelwa ke maikemosetso a rona: "Go nna yunibesiti e e tlhomologileng mo Aforika, ka go tlhotlhelediwa ke go batla kitso le mokgwa o moa wa go dira dilo". Mo dingwageng di le thataro tse di fetileng YBB e ile ya se ka ya nna fela setheo se se kopaneng le tse dingwe mme e ne ya nna nngwe ya diyubibesiti tse di di gogang kwa pele mo nageng. Maikemisetso a rona a go nna yunibesiti e e nang le bokgoni jwa go ruta le go ithuta le jwa go dira patlisiso, re tla re ntse re tsenya bokgoni jwa rona mo tirisong ka mokgwa o moa, a setsea le gaufi le go fitlhelelwa. Fa re ntse re atamela maikemisetso le maikaelelo ao, re setse re fetile dikgwetlho dingwe tse di boitshegang:

          • Taolo ya tsa kgwebo: Dingwaga di le tharo ka go tlhomagana, , 2007, 2008 le ka 2009, YBB e ne ya gape maemo a ntlha mo Diawateng tsa Ngwaga le ngwaga tsa Botsamaisi Jwa Kgwebo ya Thuto ya Maemo a a Kwa Godimo ya PricewaterhouseCoopers, mme seno se dira gore re nne yunibesiti e e laolwang sentle go gaisa tsotlhe mo Aforika Borwa.

          • Tiro ya konokono: YBB ke setheo sa thuto e e kwa godimo se se senang mathata mo go tsa thuto se se nang le baithuti ba pele ga lekwalo la boalogane ba ba fetang 60 000 ba ba dirang palogare ya maduo a go falola ditlhatlhobo e e fetang 80%. Mo e ka nnang 12% ya badiri ba barutegi ke babatlisisi ba Setheo sa Patlisiso sa Bosethaba

          • mokgwa o mosha wa go dira dilo tsa thekenoloji: Ka 2008, YBB e ne ya kaiwa e le Setheo sa Thuto e e Kwa Godimo se se di Gogang Kwa pele go Gaisa Tsotlhe mo Thekenolojing mo nageng ya rona. E ne e le ka ntlha ya go bo e ile ya ikgapela awate ya go dira tiro ka tsela e e molemo mo Lefapheng la Saense le mo Kgaisanong ya Boeng ya Letlole la Mokgwa o Moa wa go Dira Dilo.

          • Tiriso ya dipuo tse di farologaneng le go aga sethaba: Mo dingwageng di le 10 tse di fetileng, YBB e nnile le seabe se segolo mo go seno go gaisa setheo sepe se sengwe sa thuto e e kwa godimo mo Aforika Borwa. Fa Pan-South African Language Board (PanSALB) e ne e kgatlhilwe ke seno, e ne ya naya YBB awate e e kgethegileng ka 2008.

Fa re ntse re gagamalela mokgele wa rona wa kitso le go mokgwa o moa wa go dira dilo, maiteko otlhe a rona a rotloediwa ke mokgele wa lobaka lo lo mo magareng o re ipeetseng one: wa go nna setheo sa thuto se se atlegileng le se se fetogileng le yunibesiti e e dirang dipatlisiso. Nna leloko la rona mo loetong lo lo kgatlhang lono!

Theuns Eloff
Motlatsa-Mothanselara Yunibesithi ya Bokone-Bophirima