Printer-friendly version
Print
Share this
 

LEGORO LA DISAENSE TSA IKONOMI LE THEKENOLOJI TSHEDIMOSETSO

KA GA RONA

 Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso ke lengwe le magoro a mabedi mo Khampaseng ya Khutlotharo ya Lekwa le le nang le mananeo a pele ga kalogo le morago ga kalobo go baakanyetsa baithuti diintaseteri tse di golang ka bobefo tsa tirelo ya ditšhelete, thekenoloji ya tshedimosetso, Mmetshe wa kgwebo le ditharabololo tsa one, tshedimosetso, bobalamatlotlo, babalamatlotlo ba ba kwadisitsweng, dithuto tsa ikonomi, botsamaisi jwa kgwebo, disaense tsa papatso ya ditirelo le metshameko. Boikaelelo jwa mananeo ano ao a arabang dipotso tse di farologaneng ka tsa borutegi ke go tlamela ka ditharabololo tsa maemo a mmatota mo botshelong mo teng ga ikonimi e e gatelang pele. Mananeo a Legoro le tlamelang ka yone a rutwa mo dikolong tse tharo, tse sengwe le sengwe sa tsone se tla itebaganyang le lengwe la mananeo ano ka mo go kgethegileng:

Sekolo sa Disaense Tsa Palomatlotlo

Sekolo a Thekenoloji ya Tshedimosetso

Sekolo sa Disaense Tsa Ikonomi

Mananeo ano a rulagantswe ka tsela e ka yone a tshwanelang naga ya rona sentle le gore a kgone go tsenela kgaisano ya boditšhabatšhaba ya dirutwa tse di ntseng di tlhabologa lefatshe ka bophara. Mananeo a rona a sekasekwa ka dinako tsotlhe ka thulaganyo e e tseneletseng ya mo teng ga setheo le ya ka kwa ntle ga setheo ya tlhomamiso ka tsa boleng gore re tle re kgone go nna le dipoelo tse di maleba mo dimmojuleng tse di farologaneng tse re di rutang. Legoro la Disaense Tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso le tlhomile mogopolo go dirutwa tse di farologaneng le dirutwa tse di fetang se le sengwe e bile le ikemiseditse go tswelela pele le nonotsha boemo jwa lone gore le ne legoro le le tlhomologileng mo ditirong tsa disaense tsa ikonomi le thekenoloji ya tshedimosetso ka go dirisa mananeo a a maleba a borutegi le patlisiso ya maemo a a kwa godimo le go dirisa bokgoni ka nako e le nngwe fela.