Printer-friendly version
Print
Share this
 

Khampase ya Khutlotharo yaLekwa - Ofisi ya Moreketoro

Ka ga rona


Ofisi ya Moreketoro e emela karolo ya konokono ya Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ya Yunibesiti ya Bokone-Bophirima (YBB ya Lekwa) e bile go tswa mo go yone, Moreketoro o rotloetsa, o tlhotlheletsa le go etelela pele khamphase yotlhe. Khamphase e na le magoro a le mabedi, e leng Legoro la Dirutwa ka Mekgwa ya Batho le Legoro la Disaense tsa Ikonomi le Thekenoloji ya Tshedimosetso. Magoro ano a mabedi a na le Dikolo Tsa Thuto tse di farologaneng mme a kgona go ruta dikharikhulamo tse di farologaneng tsa thuo ka dikolo tseno.

Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa ke yone fela khamphase mo Aforika Borwa e e leng mo phakeng ya tlhago ya dimela le diphologolo mme e na le mefuta ya diphologolo tse di jaaka tshepe, none, kukama le kgokong) Boemo jo bo tlhomologileng jono jo re leng mo go jone bo bopa e tlamela baithuti ba rona ba ditso tse di farologaneng ka tikologo e e moelmo tota ya go ithuta. Botshelo jo bo tlhagafetseng jwa baithuti, palo e e golang ya baithuti ba nako e e fetileng ba ba fitlheletseng mekgele e e atlegileng ya tiro le go tswelela pele ba ikemiseditse go nna thotloetso ya gore go fitlhelelwe katlego le kgolo e e kgonang go itsetsepela, bo dira gore YBB ya Lekwa e nne setheo sa thuto se botlhe ba batlang go tla go ithuta mo g sone.

YBB ya Lekwa e rotloetsa gore go ruta le go ithuta mmogo le go dira patlisiso go gatelelwe ka tsela e e tshwanang. Patlisiso e emela ditiro tsa konokono tsa rona tsa thuto mme maloko a badiri ba ba rutegileng ba ba nang le kitso e e seng kana ka sepe le ba ba ineetseng mo tirong ya bone ba tswelela pele go tlhagisa dipholo tsa patlisiso tse di amogelwang e seng fela kwa diageng di sele mme gape ba okamela matsholo a a etelelwang pele mo baaging ka go dirisa mekgwa ya sešweng.