Printer-friendly version
Print
Share this
 

LEGORO LA DISAENSE TSA IKONOMI LE THEKENOLOJI YA TSHEDIMOSETSO - KHAMPHASE YA KHULTOTHARO YA LEKWA
Sekolo sa Thekenoloji ya Tshedimosetso

Ka ga rona

Sekolo sa Thekenoloji ya Tshedimosetso se kile sa bo se itsiwe e le Sekolo sa Boetsisi, se se bidiwang Sekolo sa Boetsisi Jwa Mmetshe, Saense ya Dipalopalo le ya Khomphiutha. Sekolo sa IT se ikemiseditse go tlhagisa mananeo a a nang le boleng mmogo le baalogi ba ba nang le boleng.  Go simolotswe mananeo a maša go simolola ka 2010 a go naya baithuti ditlhopho tse di oketsegileng le gore ba bone ka botlalo se ba se tlhokang mmogo le se se tlhokwang ke mmaraka. Go simolola ka 2010 mananeo a Mmetshe wa Kgwebo le Tshedimosetso (BMI) a a rutwa mo Khampaseng ya Khutlotharo ya Lekwa. Mananeo otlhe a BMI a tlhoma mogopolo mo Ditlhatlhobong tsa Go Laola Kgonagalo ya Ditatlhegelo tsa Madi le Botsamaisi jwa Yone.

Gape re tlamela ka dithuto tsa baithuti ba ba batlang go kopanya Saense ya Khomphiutha le Dithuto Tsa Ikonomi kgotsa tsa Dipalopalo.