NWU, Baithuti ba ga jaanong

Go nna moithuti

Go botlhokwa gore o rulaganyetse kwa pele ka go sola dithuto tsa gago molemo o sa ntse o na le nako e ntsi ya metshameko, dilo tsa go itlosa bodutu le ya go itumela le ditsala. Mo segokeng seno, o tla bona tshedimosetso yotlhe e o e tlhokang ka khalendara ya dithuto ya YBB, jaaka matlha le dintlha ka botlalo tsa go ikwadisa, meletlo ya kalogo le ditlhatlhobo.  Go go thusa gore o kgone go rulaganya tiro ya gago le go tshameka ka botlalo mo kotareng nngwe le nngwe, segoke seno se go isa gape kwa dibukeng tsa ngwaga tsa kakaretso tsa manaanethalo a dithuto a Khampase ya Mahikeng, Khampase ya Potchefstroom le Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa.

Segoke seno gape se go thusa go bona ditirelo tse di farologaneng tse di mosola mo ithaneteng tse di ka go bolokelang nako, jaaka go ikwadisa, go botsa dipotso ka akhaonto ya gago le go botsa ka tsa thuto, e bile o ka kgona go bona direkoto tsa gago tsa baithuti le dipholô tsa ditlhatlhobo.

Dilo tse dingwe tse di mosola tse o ka kgonang go di bona ke VUMA! le Tikatikwe ya Mekgele-Tiro:

Tikatikwe ya Mekgele-Tiro e tlamela ka tshedimosetso e e seng kana ka sepe go go thusa go tlhopha dithuto tsa gago sentle le mekgele ya tiro. O ka e dirisetsa go batla tiro ka inthanete, le go dira dikopo tsa tiro e o e ratang e o e ithutetseng.

Webosaete ya VUMA! Ke e e dirisiwang ke baithuti go tswa mo diyunibesiting tse di farologaneng tsa Aforika Borwa ya go abelana tshedimosetso, dikgopolo le maikutlo.  Ditirelo tsa webosaete eno di akaretsa tsebe-tshedimosetso ya inthanete le sebaka se go tlotlelwang mo go sone, tirelo ya go ipatlela tsala le sebaka sa laeborari, se se tletseng ka ditlhogo, ditlhatlhobo tsa go itlhatlhoba le batho ba o ka ikgolaganyang le bone.