
Khampase ya Khutlotharo yaLekwa - Ofisi ya Motlatsa-Moreketoro
Ka ga rona
Re tlamela ka mananeo a pele ga kalogo le a morago ga kalogo go baakanyetsa baithuti tiro ya kgwebo e e golang ka lobelo lo lo golo e e tla ba batlang go le gontsi, mmogo le ditirelo tsa setšhaba le tsa loago, go dira ka puo le go buisana le ba bangwe, boithutatlhaloganyo, dikamano le badiri, diintaseteri tsa ditirelo ka tsa ditšhelete, thekenoloji ya tshedimosetso, mmetshe wa kgwebo, ditharabololo tsa kgwebo, bobalamatlotlo, dithuto tsa ikonomi, botsamaisi jwa kgwebo, go maketa le saense ya tsa metshameko. Boikaelelo jwa mananeo ano ao a arabang dipotso tse di farologaneng ka tsa borutegi ke go tlamela ka ditharabololo tsa maemo a mmatota mo botshelong mo teng ga ikonimi e e gatelang pele.
Badiri ba ba nang le bokgoni jo bo seng kana ka sepe e bile e le ba ba ineetseng mo tirong ya bone, thekenoloji e e tshwanetseng le go tlamela ka ditirelo tsa go ruta, patlisiso le go tsenngwa ga bokgoni mo tirisong. Mananeo ano a rulagantswe ka tsela e ka yone a tshwanelang naga ya rona sentle le gore a kgone go tsenela kgaisano ya boditšhabatšhaba ya dirutwa tse di ntseng di tlhabologa lefatshe ka bophara.


