Printer-friendly version
Print
Share this
 


Patlisiso: UPSET

Mafoko a kamogelo a mokaedi

 

UPSET ke lefapha la patlisiso le le dirang dipatlisiso ka go tlhaloganya puo le go dira ka yone mo maemong a a raraaneng. Ga re tlhokomologe tiriso e e sa tlwaelegang ya puo, kgotsa badirisi ba yone ba ba sa tlwaelegang, e bile ga re tlhome mogopolo mo dikinaneng dipe fela, ka ga motho yo o seyong yo o buang puo ya gaabo yo o nnang mo gare ga baagi ba mekgwa e e tshwanang, yo puo ya gagwe e sa amiwang ke dilo tse di seng maleba tse di jaaka go nna motho kgotsa go tshela botshelo jwa mmatota jaaka bo ntse.

Tiro ya go dira ka puo (go ranola, go tseleganya, go ranola mafoko mo sekirining sa thelebišene fa filimi e ntse e tsweletse, go toloka le tse dingwe tse dintsi) ke mangwe a maemo a a raraaneng a re dirang ka fa tlase ga one. Re batla go itse gore mokwalo o fetoga jang go tswa mo puong e nngwe le mo mokgweng o e kwalwang ka one go ya kwa go e mongwe, o bo o sala o ntse o balega ka tsela e e utlwalang (kgotsa o sa utlwale) le gore mekwalo e e farologaneng eno e e fetisediwang kwa puong e nngwe e thusa batho jang gore ba kgone go nna le seabe mo setšhabeng le mo dithutong ka tsela e e motlhofo thata.

Re amogela setšhaba sa Aforika Borwa sa batho ba dipuo tse di farologaneng, e bile re tsaya gore ditšhaba di le dintsi, sengwe le sengwe sa tsone se na le dipuo tse di farologaneng. Ka jalo, patlisiso epe fela e e dirwang ka puo e tshwanetse go nna e e amanang le puo ya mmatota e re e buang. Patlisiso ya rona ka go ithuta puo, go e sireletsa, pholisi ya yone, go e ruta, go e buisa le go e kwala le puiso-kwalo ya akatemi, e remeletse mo dipuong tse di farologaneng tse re di  buang.

Aforika Borwa e na le laboratori ya maemo a a kwa godimo ya go kopana ga dipuo tse mo go tsone go kopanang dipuo tsa selegae le dipuo tsa dinaga tse di neng di dirilwe dikoloni, gore di tlhotlheletsane. Re dira patlisiso ka diphelelo tse di nnang teng mo puong ka ntlha ya go fetoga ga yone ka metlha, segolobogolo fa re leba Seesemane le Aforikanse tse di neng tsa tlhamiwa le go fetoga mo makgolong a mabedi a dingwaga a a fetileng.  Re dira seno ka go kokoanya mekwalo ya patlisiso ka puo le go tlhalosa ka fa e dirisiwang ka gone.

 

Prof Bertus Van Rooy