NWU Tsebegae

 

 

 
Ikgolaganye le rona  |  Batla
 
   
 

Ikopantshe le babopi ba lefelo la wepe

Mo nakong e re leng mo go yone ya neeletsanyo le ya motlakase, lefelo la wepe la setheo ke karolo e kgolo e e botlhokwa ka mo ditirong tsa badiri tsa letsatsi le letsatsi. Le moYBB go ntse fela jalo le ka lefelo la yone la wepe. 

Fa re lebelela ditsebe tse dintsi tsa wepe tse di bopang inthanete le intranete ya badiri ba YBB, go bonagala ka pele gore go na le batho ba bantsi ba ba dirang kwa re sa ba boneng go nna ba gatisa mme ba baakanye mo wepeng, go ntšhwafatsa, tlhabolola, laola le go rulaganya dimateriale.

Maikemisetso a wepe e re tlhalosetsa le batho botlhe ba ba dirang ka tsa wepe. Botlhe ke ditokololo tsa ditlhopha tse pedi tsa batho ba ba dirisanang mmogo mme ke ba Setlhopha sa go Bopa Wepe Sešwa(Thulaganyo ya Tshegetso ya Wepe) le Komiti ya Taolo ya Wepe. Gape go na le batho ba ba gatisang le ba ba kwalelang wepe go tswa gotlhe mo dikhamphaseng tsa YBB.

   

Dintlha tse di botlhokwa tsa wepe

• Lefelo la wepe la YBB le na le palogare ya ditsebe di le 29 000.
• Kgwedi le kgwedi wepe ya YBB e lebelelwa ke badirisi ba ba 65 856.
• Go na le bakwadi le bagatisi ba wepe ba ba 360 mo Yunibesiting ka bophara.
• Mo patlisisong ya wepe ya gone maloba, badirisi ba rile gore ba ka rata go nne le di-“blogs” le kalentara ya ditiragalo. Ga go lemogilwe go tswa mo patlisisong ke go se bone tsela sentle, kgonagalo ya go bona se o se batlang le botlhokwa le bonnete jwa tshedimosetso.

Setlhopha sa go Bopa Wepe Sešwa
Setlhopha se ke komiti ya mo tlase ga Balaodi ba Setheo mme ba na le boikarabelo jwa go bopa sešwa, go loga maano le go tlhabolola wepe e e ntšhwa ya YBB. Setlhopha se se kgobokantshitswe ka tiro ya go fetsa tiro ya go bopa wepe sešwa mme ba tla nna Thulaganyo ya Tshegetso ya Wepe fa wepe e feditswe mme e tlhometswe.

Komiti ya Taolo ya Wepe
Komiti e e tlhomamisa gore go na le tsamaisano magareng a wepe ya YBB le ponelopele le leano la togamaano le ditlhokego tsa kgwebo. Gape e gakolola mme e thusa Thulaganyo ya Tshegetso ya Wepe.

Batho ba ba mo morago ga ditsebe
Dithulaganyo tse ka bobedi di na le baemedi ba Ofisi ya Setheo le ba dikhamphase ka boraro mme modulasetulo wa tsone ke Moh Phumzile Mmope, Mokaedi Mokhudutamaga: Merero ya Korporatifi le Kamano.  Go tswa mo Ofising ya Setheo go na le baemedi ba yuniti ya CAR(Corporate Affairs and Relations), ba kwa Bokaeding jwa Dipuo le ba Tsamaiso ya Setheo.  Gape go na le Moh Marelize Santana, yo a leng Molaodi wa Melaetsa ya Motlakase wa Ofisi ya Setheo mme le ene ke karolo ya yuniti ya CAR. O tsamaisa wepe ya YBB yotlhe ka dipholisi tsa kgale, ditiro le dithulaganyo mme o dirisana le Balaodi ba Dikhamphase ba Melaetsa a Motlakase le bagatisi go tlhomamisa gore wepe e laolwa ka tsiamo.

"ITC (Information Technology Central) le yone e tsaya karolo e kgolo mo tlhabololong le mo taolong ya wepe,” ga re Moh Santana.  Ditiro tsa bone mo go tse dingwe ke go tshegetsa popo ya wepe ya YBB ka mo dintlheng tsa tekenikale mme ba tsaya karolo gape boikarabelo jwa dirwethata le dirweboleta tsa wepe ya YBB le go fana ka katiso ya wepe.

Baemedi ba dikhamphase bone ke batho go tswa kwa diofising tsa neeletsanyo le go maketa mo dikhamphaseng jaaka go nna Balaodi ba Melaetsa ya Motlakase ba ba dirang tiro ya go gatisa mo wepeng ya khamphase e nngwe le e nngwe. Mo bofelong ba boikarabelo go bopa le go tshegetsa lefelo la wepe gore ba tlhomamise gore dikhang tsa dikhamphase di na le boleng mme ke nnete. Balaodi ba Melaetsa ba Dikhamphase ke Susan van Rooyen (Mafikeng), mor Vincent Eastes (Potchefstroom) le moh Annette Willemse (Khamphase ya Khutlotharo ya Lekwa)  

Bakwadi le bagatisi ba tsaya le bone karolo e kgolo go tshegetsa lefelo la wepe le le siameng.   Ba ka mo Ofising ya Setheo le mo dikhamphaseng tse tharo mme ba emela difakalthi tse di rileng le dikarolo, mafapha, dikolo le diyunit tse dingwe tsa kgwebo. “Thata go ne go ka nna botoka fa ditlhopha tse tsotlhe di ne di ka na le moemedi wa mogatisi wa mo wepeng,” ga re Moh Santana. Bakwadi le bagatisi ba ba fetola mme ba tsenya tshedimosetso ka mo ditebeng tsa wepe ka go dirisa thulaganyo ya taolo ya wepe ya OpenCMS. Ba katisiwa ke mafapha a dikhamphase tsa bone tsa IT.

Maikemisetso a a tletseng a ka bonwa fa

Kelika fa go bona setshwantsho sa tsebe ya ntlha ya YBB e e ntšhwa

 

© Yunibesithi ya Bokone-Bophirima 2009. Ditshwanelo tsotlhe di bolokilwe.
Ditumalano le Maemo