|
|
| |
Boto ya maduo a Tshwaragano ya diyunibesithi tse pedi
Dipoelo
- R13m go ntšhwafatsa bokgoni jwa Tlhaeletsano ka Thekenoloji mo NWU & R14m ya dikago kwa Khampaseng ya Vaal Triangle (KVT) go tswa go ba Lefapha la Thuto (Department of Education-(DoE).
- Dihosetele tsa baithuti kwa KVT & le boloko jwa difolete tsa baithuti jo bo tshwanelwang ke go agiwa kwa Khampaseng ya Mafikeng.
- Dipoelo tsa dipatlisiso tsa dikhampase tsotlhe di le tharo di tokafetse mo ngwageng wa 2003.
- R16,422m mo dingwageng di le 3 go tswa go ba DoE mo diporokeramong tsa motheo (foundation programmes) kwa Khampaseng ya Mafikeng.
- Lenaane la ka bontsi le le tswelelang la tlhokomelo ya dikago tse di mo Khampaseng ya Mafikeng mo dingwageng di le mmalwa tse di tlang ka R48 milione e e leng mo tekayetsokabong ya UNW.
- Khampase ya Potchefstroom (2003) e amogetse kabo ya bobedi gareng ga diyunibesithi tsa Aforika Borwa ka ntlha ya tsamaiso e e duleng diatla e e abilweng ke ba PricewaterhouseCoopers.
- Tekanyetsokabo ya 2005 ya Yunibesithi e amogetswe ke komiti ya katoloso e e kwa ntle mme ya e atlenegisetsa Khansele.
- Botsamaisi jwa Setheo bo weditse kabo ya baithuti ba ngwaga wa ntlha (1st-year students) go dikhampase tse di farologaneng go setswe morago pholesi ya tekanyetso ya palo ya baithuti e e itsesitsweng ke ba DoE
- Botsamaisi le diyunione tsa NWU bo saenne tumalano le diyunione gammogo le melao ya setheo ya tiro.
- Legato le le latelang la botsamaisi bogolwane le thapilwe ka katlego.
- Diltapele tsa ditogamaano tse di latelang di ne tsa tsenngwa mo ditumalanong tsa tiro ya Botsamaisi jwa Setheo mo ngwageng wa 2005:
- Go wetsa kopano ya tshwaragano ya diyunibesithi tse pedi tse di kopantsweng;
- Go ruta - le go ithuta – go itebagantswe le tswelelopele bogolosegolo mo baithuting ba ngwaga wa ntlha;
- Dipatlisiso – go itebagantswe le diathikele tse dintsi tse di phasaladitsweng le baithuti ba bantsi ba Masters le ba Bongaka;
- Go diragatsa dikgono tsa rona tse di gaisang – go itebagantswe le motlha o o bidiwang moedi wa boraro wa lotseno, gareng ga tse dingwe e ka nna go gwebisana le ka dikhoso tse khutshwane, fela re ntse re tlhola tikologo e e ka kgontshang maemo a tirelo setšhaba; le
- Tlhabololo ya Badiri bogolosegolo ya tsamaiso ya ditiro.
- Lefapha la Thuto le dumetse go aba R1,5 ya dimilione go ntšhwafatsa letshwaokgwebo la Yunibesithi e ntšhwa.
- Botsamaisi jwa Setheo, gammogo le botsamaisi jwa dikhampase (go akaretsa le bodini) bo tsenetse katiso e e tseneletseng ya botsamaisi le tlhabololo ka Ferikgong 2005. Mabaka a a neng a lebelelwa e ne e le a botsamaisi jwa matlotlo, botsamaisi jwa tsa Badiri, thulaganyo ya togamaano le botsamaisi jwa tsa go dira tiro. Magato a mangwe a botsamaisi (e bong bakaedi le ditlhogo tsa mafapha) ba tla tsaya karolo mo dikhosong tse di tshwanang go tloga ka Moranang go ya kwa pele.
- NWU ga ya ke ya nna le dikhuduego tsa baithuti ka paka ya ikwadiso le ka Tlhakole 2005.
- Tlhomo semmuso ya Mokanseleri le Motlatsa-Mokanseleri e ne e tshwerwe ka la 14 Moranang 2005. Dipholo tsa 2004 le tsona di ne tsa itsisewe.
- Morago ga thulaganyo e e anameng ya dipuisano, Botsamaisi Bogolwane bo sweditse jaanong ka ga pina e ntšhwa ya yunibesithi
- Kokeletso ya go lepalepana le maemo a ditshenyegelo tsa botshelo ka kakaretso ya 6,0% go badiri botlhe go tloga ka la 1 Moranang 2005 e buisanetswe ka katlego le diyunione tse di farologaneng. Botsamaisi Bogolwane bo tla amogela 4,3% ya ditshenyegelo tsa botshelo ka kakaretso, e le yona e tla simolola ka 1 Moranang 2005.
- Lefapha la Thuto le tla tlaleletsa R41,4 m e e setseng e abilwe, e le fa le rata jalo fa fela ba ka (amogela dikopo tse di maleba tsa tekanyetsokabo) go dira gore matlotlo a fitlhelelwe go thusa thulaganyo ya Tlhaeletsano ka Thekenoloji ya badiri le baithuti ka ( R23m).
- Melao e amogetswe e bile e saennwe ke Tona ya Thuto
- Khansele e amogetse lenane la maikaelelo le ponelopele, go akaretsa le thulaganyo boitshwaro
- Pegelo ya ntlha ya ngwaga le ngwaga ya NWU e amogetswe ke Khansele, go akaretsa le pegelo e e runnweng mme e sa kanwa gammogo le dipholo tsa baithuti tsa ngwaga wa 2004
- Go dirilwe kgatelopele e e tsepameng mabapi le tirokgolo ya rona. NWU e abetswe sejana sa go nna Yunibesithi e e kwa pele go gaisa ka tsa boitshimololedi mo ngwageng wa 2004.
Dikgwetlho
- Go na le diphatlhatiro di le tharo tse di tshwanelwang ke go tladiwa. Tsona di akaretsa tse pedi tsa bodini kwa Khampaseng ya Mafikeng le e le nngwe ya Motlatsa-Moreketoro wa tsa Seakatemi kwa Khampaseng ya Potchefstroom.
- Bokamoso jwa Mankwe bo tshwanelwa ke go konosetswa go tsewa dikgatlhegelo tsa mongwe le mongwe yo o nang le seabe mo go yona tsia.
- Manno a diofisi a Botsamaisi jwa Setheo (Institutional Management - IM) a tshwanelwa ke go konosediwa.
- Konosetso ya lenanethulaganyo la setheo, go akaretsa le lenane la tekatekano le kagosešwa.
- Kgatelopele mo tsamaisanong ya diporokeramo tsa thuto.
- Ditlhopho tsa Makgotla a Baithuti (SRC’s) a dikhampase tse di farologaneng le go tlhama Lekgotla le le ntšhwa la Baithuti la Setheo.
- Kgatelopele ka tiragatso ya thulaganyo tse dintšhwa tse di ikaegileng ka neelano ya tshedimosetso le dikgakololo ka ga ditšhelete le ka ga Merero ya Badiri.
- Tokafalo mo ntshetsontle ya dipholo mo lephateng la go ruta–le go ithuta gammogo le mo dipatlisisong.
|
|
|
|
|
| |
|
|