|
Tlhopha puo ka mo tlase: |
||||||
Moithuti wa Boenjenere o tswa a ikgapetse moputso
Potchefstroom – Moithuti wa Bonejenere Jwa Nyutlelia wa Khampase ya Potchefstroom ya Yunibesiti ya Bokone Bophirima o ne bošeng jaana a tswa a ikgapetse maemo a ntlha kwa Khonkereseng ya boditšhabatšhaba kwa Cape Town.
Yvotte Brits o ne a dira pontsho e e di gaisitseng tsotlhe ya phousetara mo karolong ya gagwe kwa Khonkereseng ya Boditšhabatšhaba ya Baša (International Youth Nuclear Congress [IYNC]). Pontsho e a neng a e dira e ne e akaretsa porojeke ya gawge ya dikirii ya Masetase, tshekatsheko ka tsa Thekenoloji le ikonomi malebana le Ditekeletso tsa Potchefstroom tsa Motšhini o o Fetlhang Maatla a Nyutlelia a bokana ka 100 MWe.
Yvotte Brits
Tshwetso e e neng ya dirwa ka patlisiso eno ke gore go ka nna ga tlhongwa motšhini o o tla nnang le matswela wa nyutlelia mo dinageng di le mmalwa wa maatla a bokana ka 10MWe wa mogote o o kwa godimo.
Motšhini ono o tsaya sebaka se se ka lekanang le halofo ya lebala la kgwele ya dinao e bile o ka tlhongwa gaufi le ditoropo le metsesetoropo mme seno se tla fokotsa ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa diphaephe tse di tsamaisang maatla ano e bile gape se tla oketsa boleng jwa go nna le motlakase o o kgonang go tshwarelela le go fokotsa go thuthafala ga lefaufau mo nageng.
Brits o weditse dikirii ya gagwe ya Masetase ya Boejenere Jwa Nyutlelia ka fa tlase ga kaelo ya ga Porof Eben Mulder kwa Sekolong sa Morago ga Kalogo mo go tsa Saense le Boenjenere Jwa Nyutlelia. O ne a bo a mo lebogela botlhale jwa gagwe, kaelo le tlhotlheletso ka nako ya porojeke eno mo go Porof Mulder.
Published by: Pertunia Thulo
018 299 4919